Breaking News

Kgodiso ya ngwana ke boikarabelo jwa botlhe

23 Jul 2014

Batsadi ba tshwanetse go tsenya letsogo thata mo go tokafatseng thuto ya bana go ba direla boswa jo bo sa feleng.

Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekolo se sebotlana sa Makolo Rre Keaobaka Amosele mo phuthegong e neng e tshwerwe bosheng ya batsadi le barutabana.

Rre Amosele a re thuto ke boswa jo bo sa feleng, jo eleng gore fa ona le jone ga gona ope yo o ka bo tsayang mo go wena, ka jalo batsadi ba tshwanetse go tsenya letsogo thata mo go tokafatseng thuto ya bana go ba direla boswa jo, ba seka ba baya fela mo barutabaneng le mo pusong.

“A re patlaganeleng thuto rotlhe fela ka boraro e leng motsadi, morutabana le moithuti”, ga tshwaela jalo modula setilo wa komiti eo, ka a re se, se ka dira tsela ya go ithuta motlhofo.

Rre Amosele o ngongoretse go tsena tlhari ga bangwe batsadi mo phutlhegong, a re ba tshwanetse go tlotla nako go nna sekao mo baneng ba bone, o ba lemotshitse fa go itsosa go ka berekela fela thata mo go ageng bokamoso ja bana jo bosiameng.

O tshwaetse fa seemo sa sekolo se santse se siame, ka jalo ba tsweledise botswerere ja go bopa thuto ya bana ba bone.

O kopile batsadi go thusa puso ka a re, e dira gole go ntsi fela thata a re mme lefa gole jalo go nne le dingwe ditiro dingwe tse ba tshwanetseng o tsenya letsogo teng fa go tlhokafala.

A re go utusa botlhoko go utwa gotwe bana gab a apeelwa ka ntata ya go tlhoka gas le dikgong, o kopile batsadi gonna le mowa wa boitlhaopo.

O tlhalositse fa ditsela dile mmalwa tse ba ka itlhaopelang go thusa sekolo ka tsone jaaka go rwalela dikgong, go thusa go phepafatsa le tse dingwe.

O tsweletse, a tlhalosa fa letseno la madi mo sekolong le le ko tlase, ka jalo o a gakolola batsadi go tswa ka maano a go leka go tokafatsa seemo, a re go botlhoka fela thata fa ba ka itshimololela diproject di tshwana metshelo le go lema merogo ba bo ba rekisa, ka a re madi a ba a bonang ba ka ithusa ka one go tlhabolola sekolo fa go tlhokafalang ba seka ba ikaega fela mo go goromente.

Modulasetilo o tshwaetse fa a lemogile fa batsadi ba Makolo ba rata modimo, ka jalo o ba kopile go nna ba tsamaya le bana ba bone ko kerekeng, a re go botlhokwa fela thata go godisetsa bana mo kerekeng ka go ka thusa go aga maitsholo a bone ebile go ka ba ntsha mo mebileng.

A re ngwana o golelang mo kerekeng o itse pharologanyo fa gare molemo le bosula mme se, se ka thusa go tokafatsa maduo a bone fela thata.

E rile fa a ntsha mafoko a tekodiso, Mogokgo wa sekolo se se botlana Mme Dimpho Lefhoko o ne a bolela fa a kgola batsadi ka go dirisana le sekolo sentle, o boletse fa batsadi ba fetotse seemo se baneng ba se ngongorela bana batla sekolong ba se phepa, a tlhalosa fa malatsi ano seemo se fetogile fela thata ka jaana bana ba lebega, one a re o a ba akgola ebile a re go supa tirisano mmogo.

Mme Lefhoko o tlhalositse fa a tshwenngwa ke maitsholo a baithuti bangwe ba mophato wa bosupa ba a reng ga ba tsene sekolo sentle.

Mo godimo, o tlhalositse fa bana ba, ba sa tle sekolong ka malatsi dumalanweng, a re ba tswa fela mo ntlong ya borutelo morutabana a ntse a tsweletse a ruta, ga ba mo tlotle, gab a supe kgatlhego mo thutong ya bone ntswa nako ya go ipaakananyetsa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang e setse fitlhile.

O supile fa go tlhoka kgalemo le tirisanyo ya bangwe ba batsadi ba baithuti ba, ele gone go rotloetsang boitshwaro jo bo sa siamang jo, ebile a re go ba ketefaletsa go leka go fema seemo se, ka jalo a re o kopa batsadi le barutabana go tshwaraganela thuto ya bana.

A re o tshwenngwa ke gore ga ba na go bona maduo a mantle a tshwanang le a dingwaga tse di fetileng, ntswa maikaelelo a bone ele go tswelela ba dira dira sentle.

Mongwe wa batsadi ba baneng ba tsene phutlhego, Rre Omponye Thakakgolo o thalositse fa akgola sekolo mo maitekong a go simolodisa lenaneo la Home Remedial, a re fa e sale le simologa maduo a ngwana wa gagwe a tokafetse fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : SEROWE

Event : Phuthego Ya Batsadi le Barutabana

Date : 23 Jul 2014