Kgosi Moremi o akgola sesole sa Botswana
24 Jul 2014
Fela jaaka mekgatlho e mengwe, sesole sa Botswana se gatetse pele mo go lwantsheng bolwetse le mogare wa HIV/AID mo lefatsheng leno.
Fa a amogela baeng ka letsatsi la botsogo jwa setshaba, le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Maun bosheng, Kgosi Kealetile Moremi o supile fa sesole sa Botswana se dira go tlala ka diatla go thusa puso go lwantsha bolwetse jo bo fetsang tshaba ya lefatshe leno ka tsotlhe tse ba nang le tsone.
Kgosi Moremi o supile fa sesole sa Botswana se sa ikaega fela ka go sireletsa lefatshe leno ka marumo le ditlhobolo mme a re ba leka gape go ruta Batswana le go fa dithuso tsa maemo a kwa godimo go leka go emelana le seemo se se golelang pele sa kanamo ya mogare.
O tlhalositse fa mo dilong tsotlhe tse puso le mekgatlho e e ikemetseng ka nosi e lekang go di dira go thusa Batswana, sesole sa Botswana se kgonne go tla ka mofuta wa sekausu se se bidiwang sekwata, se a kaileng fa Batswana ba se itumeletse e bile a dumela se dirisiwa ke ba le bantsi.
A re sesole sa Botswana se eme ka dinao mo ntweng e, ka a tlhalosa fa ba dira loaro lwa borre le le sireletsegileng gareng ga tse dingwe, selo se a rileng ke kgatelopele e e eletsegang mo setshabeng.
O tsweletse a leboga boeteledipele le badiri ba sesole sa Botswana go bo ba kgonne go tla mo kgaolong ya Ngami go tsisa ditlamelo kwa bathong di akaretsa tsa itlhatlhobelo mogare, madi a matona, sukiri le go aba madi a mmele.
Kgosi Moremi o kopile banni ba kgaolo ya Ngami go tshwaragana le ba sesole go leka go lwantsha seemo sepe se se ka tswang se le teng, a supa fa letsatsi le le tshwanang le leo le tshwanetswe go tsewa ka tlhoafalo go dirisa tse ba di fiwang mahala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : MAUN
Event : Letsatsi la botsogo jwa setshaba
Date : 24 Jul 2014