Ofisi e ba atumetse
23 Jul 2014
Banni ba Okavango ga ba sa tlhola ba bolawa ke mosepele wa go ya go duela le go tsaya madi a tlhokomelo ya bana kwa Maun ka jaanong ofisi eo e fuduseditswe kwa Gumare .
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, mogolwane wa tsa dituelo kwa kgotla tshekelo ya Gumare, Mme Kebope Gabonnwe, o boletse fa e rile ka 2006, ba kgotla tshekelo ya Maun ba tsaya tshwetso ya go simolola go kwalela dikgetsi tsa kgaolo potlana ya Okavango mo bukeng ya tsone e le esi gore e re fa kgotla tshekelo ya Gumare e bulwa, go bo go nna motlhofo go fudusa dikgetsi tseo.
Le fa kgotla tshekelo ya Gumare e butswe semmuso ka 2006, e ne e sena ntlo ya ditaelo le maranyane a inthanete go ka tsaya dituelo tsa tlhokomelo ya bana mme maranyane ao a tsenngwa ngwaga ono mme ya simolola go bereka ka fa tshwanelong.
A re ba ne ba baya dipampiri tsa dikitsiso mo diofising tsa maphata le mo marekisetsong ka go farologana go itsise setshaba ka phuduso e mme go ya ka dipalo tsa batho ba ba tlang go duela le go tsaya madi, go supega fa banni ba Gumare le metse e e mabapi ba ise ba itse thata ka yone.
A re kgaogo ya maranyane a inthanete e a tshwenya mme o rotloeditse setshaba go ba leletsa go tlhola fa maranyane a le teng pele ga ba ka tla go kopa thuso kwa ofising ya bone.
Le fa ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya kgaogo ya inthanete, Mme Gabonnwe o rotloeditse setshaba go dirisa kgotla tshekelo eo ka malatsi a beke ka dinako tsa pereko tsa puso ka jaanong e ba fokoleditse mosepele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Floridah Batshabeng
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 23 Jul 2014