Breaking News

Balemi ba itshetsa ka go photha

23 Jul 2014

E re ka jaanong puso e inaakantse le go fetola methale mengwe e Batswana ba dirang temo ka yone, e tsweletse ka go otlolola letsogo ka mananeo a a farologaneng a temo-thuo mo baleming  ba ba nang le kgatlhego ya go ka a dirisa. 

E ne ya re ka 1998 balemi bangwe ba motse wa Letsholathebe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba,  ba fiwa dithuso tsa metshine e e phothang mabele le lebelebele ka lenaneo la tlhabololo masimo la Arable Land Development Project (ALDEP). 

Mo potsolotsong le lekala la dikgang la BOPA bosheng, molemi mongwe wa motseng oo, Rre Twoboy Jotia, o tlhalositse fa lenaneo leo le mo thusitse fela thata ka motshine wa go nna jalo ka gonne mo nakong eno o tsweletse ka go oba letsogo ka ntlha ya tiriso ya one.

Rre Jotia o tlhalositse fa a ne a ntshitse bonnyennyane jwa madi a a kanaka dipula di le makgolo a robabobedi le masome a matlhano go thusiwa ka motshine oo, mme mo nakong eno a dira dipoelo tse di seng kana ka sepe ka one.

A re e re ka jaana ngwaga o o nnile monamagadi mo temong, o solofetse go dira dipoelo tse di utlwalang ka motshine wa gagwe.

Rre Jotia o tsweletse ka go tlhalosa fa motshine o, o le bofefo fa o tshwantshanngwa le go photha ga bogologolo. 

A re o kgona go photha dikgetsi tsa mabele kgotsa lebelebele di le masome a matlhano ka letsatsi mme a bone sekete le makgolo a le matlhano a dipula, a dirisa leokwane le le lopang dipula di le lekgolo fela ka letsatsi. 

O tlhalositse fa a phothela balemi mo metseng e e farologaneng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba e akaretsa ya Zwenshambe, Letsholathebe, Vukwi, Masunga, Mulambakwena, Nlapkhwane, le Patayamatebele. 

Molemi yo mongwe yo o thusitsweng ka motshine, Mme Veronica Mangisi, ene o tlhalositse fa dipoelo tse a setseng a di bone monongwaga di feta tse a kileng a di bona mo dingwageng tse di fetileng. 

Mme Mangisi o tlhalositse fa motshine o, o tsisa dijo mo lwapeng la gagwe, mme se se mo itumedisa thata ka a setse a godile ka jalo a sa kgone go ka tlhola a ka bereka gope go itshetsa. 

Mme Pelontle Mokgethi ene o supile fa mothale wa setso wa go photha o ne o ketefatsa tiro ka e bile molemi a ne a tshwanelwa ke go boa a olosa mabele. 

O tlhalositse fa jaanong matshwenyego a bonya le bokete jwa tiro a sa tlhole a le teng ka motshine o a photha o bo o olosa, ene ya gagwe tiro e nne fela go olela ka dikgetsi. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 23 Jul 2014