Bobirwa o ipaakanyetsa ditshupo
23 Jul 2014
Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa Bobirwa, Rre Monkemedi Dingalo a re ditshupo tsa kgaolo eo, tse di tlaa bulwang semmuso ke mogolwane wa moepo wa BCL, Rre Morsco Mosienyane di tlaa ketekwa go simolola kgwedi eno e le 25 go ya go 27.
E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Rre Dingalo a supa fa ba bone go le botlhokwa go gakolola setshaba go ipaakanyetsa go tsisa disupiwa tsa bone le go tla go bona tse ba bangwe ba tlang ka tsone.
Rre Dingalo o supile fa ba tlaa bo ba na le MVA ba e tlaa reng ka di 26 ba kopane le ba-na-le seabe mo ditshupong le dikgosi go ba neela molaetsa go o gasa mo morafeng wa Babirwa.
O tsweletse a re ka letsatsi la ditshupo go tla a bo go tsenwa P10 bagolo fa bana e le P5, ditlhwatlhwa tsa metlaagana ya dijo tsone ke P60, tsa barekisi ba kapari le tse dingwe ke P150 fa maphata a puso le a ikemetseng one e le P3000.
O tsweletse a re masaka a leruo a duelelwa P50, fa ba ba tsisang mefuta ya mebutla, dikoko le dikgaka bone ba tlaa lopiwa P5 fela. A re ka di 25 go tlaa bo go na le mmabontle kwa holong ya setshaba mme go tlaa tsenwa P20 fela.
O boletse fa motshwarelela tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Shaw Kgathi le matona a mangwe a puso a tlaa bo a le teng ka letsatsi la ditshupo.
Rre Dingalo a re letsatsi le a go natefisiwa ka moopelo wa dikhwaere le mmino wa setso mme a rotloetsa setshaba go tla ka bontsi go tsholetsa serodumo sa Babirwa le go tsisa disupiwa tsa temo ka pula e nnile e e namagadi mo ngwageng o o fetileng wa temo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 23 Jul 2014