Bodiredi bo tsamaisa mananeo ka tshokamo
23 Jul 2014
Mothusa tona ya temo-thuo a re dithuso go tswa kwa pusong di siame fela thata, mathata a dirwa ke ba ba di tsamaisang.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Moshupa mo kgaolong ya Borwa bosheng, Rre Oreeditse Molebatsi a kopa maitshwarelo ka go duela boraditerekere morago ga nako, a tlhalosa fa mathata e ne e le go sa tlatsang difomo sentle le go wa ga maranyane mo dikhompiutareng.
Mothusa tona o boletse fa jaanong ba lekile go tokafatsa seemo ka gore fa maranyane a sa bereke go dirwe fela ka diatla go fefosa dituelo.
O boletse gape gore barui ba ba ikopetseng dipodi le dinku ba tlaa tlhofofalediwa tiro ka go rekelwa dipodi eseng go ipatlela ditlhwatlhwa tsa teng jaaka go ne go ntse go dirwa pele.
A re dihutshane tseo di tlaa rekwa ke puso kwa dikgotleng gongwe le gongwe morago ga go anamisa, a supa fa marobanyana e le P700 fa diphoko le diphelefu e le P1 400.
Mo go tse dingwe, o boletse fa dinawa di dira sentle thata, jalo puso e bone gore e batle metshine e e tlhophang dinawa mo ditlhokeng, mme kgetsi e rekwe P700 kwa Botswana Marketing Board.
O tsweletse a tlhalosa fa puso e tlaa tswelela e lemela balemi mahala, e ba fa dipeo, menontshane le tshefi ya mohero, mme go ya go duelwa fela ba ba lemileng ka ditselana.
Rre Molebatsi o boletse fa mashi a tlhaela mo Botswana jalo go simolola kgwedi e e tlang, puso e rotloetsa Batswana go tla go reka meroto ya dipoo tsa dikgomo tsa mashi ka madi a a kwa tlase gore ba kgone go di rua ka di na le dipoelo.
O tlhalositse fa seemo sa BMC jaanong se tokafatse morago ga madubadube a a nnileng teng bosheng.
Ka terata ya baikopanyi , o ba kopile gore ba ipope ditlhopha mo dithoteng tsa bone gore puso e kgone go ba thusa ka terata, mapako, go e dira ka Ipelegeng le go ba epela sediba mahala.
Fa ba mo kgwa kgaba, balemi-barui ba boletse fa ba orile molelo wa mariga mono ngwaga mme ba kopa gore matamo a bone a katololwe.
Ba galaleditse mananeo a puso thata bogolo jang a temo-thuo ba kaya fa a tlhabolotse matshelo a bone fela thata, ba bo ba leboga Tautona wa nako eno ka ba re o direla Batswana mo go itumedisang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jul 2014