Dirang ka botswerere
22 Jul 2014
Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Otse a kopilwe go bereka ka botswerere le go seegela dikeletso tsa bone kwa thoko gore ba tle ba kgone go dira tiro ya morafe ka botlalo.
E rile a bua mo thuto puisanong ya maloko a VDC kwa Otse bosheng, Kgosi Mothusi Tsetse a ba gakolola go tla ka methale e ba ka tsenyang madi mo letloleng fa ba fitlhela go sena sepe le gone go tsena diphuthego tsa khansele gore ba itse se se diragalang mo kgaolong ya bone.
E ne ya re a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa ofising ya Boipelego kwa Ramotswa, Mme Martha Kamodidi, a tlhalosa fa maikaelelo a thuto puisano e le go tlhatlhelela maloko ao ka tsamaiso ya VDC, go ba ruta ka mananeo a a leng teng mo lephateng la Boipelego le go ba tlhatlhelela ka makalana a ba ka a dirisang go ikopela madi.
Mme Hendrianah Hangero go tswa kwa lephateng la Community Development kwa Gaborone, o tlhalositse fa go tlhophiwa ga komiti ya VDC, go tshwanetse ga dirwa ke morafe .
O tlhalositse fa go tshwanetse ga tlhophiwa motho yo o itseng go bala le go kwala, a le dingwaga di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo e bile a na le karata ya Omang gape a dumetse go tlhophiwa.
O tsweletse a bolela fa tiro ya ntlha ya VDC e le go sekaseka letlhoko la motse, le go tswa ka ditselana tsa go intsha mo lehumeng ba dira se ba na le morafe.
O tlhalositse fa leloko le batla go tlogela komiti ya VDC, le tshwanetse go ba itsese mo kgweding tse pedi pele le tlogela gore go nne le nako ya go dupa dibuka.
Mme Hangero o boletse fa komiti e na le thata ya go seegela fa thoko leloko le le nang le dikgang tse di tlhotlhomisiwang le le le nang le boitshwaro jo bo sa itumediseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : OTSE
Event : Thuto-Puisano
Date : 22 Jul 2014