Breaking News

Kgosi o kgothatsa batsadi go aga bana

22 Jul 2014

Batsadi ba dikgotlana tsa Leretweng, Madiba 14 le Tidimalo kwa Mahalapye ba rotloeditswe go aga bana ba bone go fokotsa boitshwaro jo bo makgaphila jo bo dirwang ke banana.

Fa a buisa phuthego bosheng, Kgosi Kobamelo Maunatlala o boletse fa dititeo tsa tsatsi le letsatsi, dipolaano tse di ileng magoletsa, borukutlhi, matlhapa, go thubetsa ga mmogo le go itseela botshelo go tshwenya thata mo morafeng wa gagwe.

A re bana ga ba sa tlhole ba rongwa ka gonne banana ba ikaeletse go tlhorontsha mongwe le mongwe yo ba kopanang le ene, segolo bogolo bomme.

Kgosi Maunatlala o boletse fa batsadi e le bone ba ka fetolang maitshwaro a bana, a tlatsa ka gore ga go na ngwana ope yo o golelang motsadi.

O tlhalositse fa bangwe batsadi ba nna moriti o tsididi fela fa bana ba bone, bogolo jang ba basetsanyana ba sa robala mo lwapeng, fa bangwe le bone fa bana ba bone ba basimane ba tswaletse basetsanyana mo matlong, go se tsapa le ba fisang pelo.

O kopile botsadi go ikaga go ka fedisa bolwetse jo bo jwelelelang jwa go tlhoka tsebe ga bana. A re go leseletsa bana ba dira go rata le go bona ke gone go bakang diphapang mme a kopa botsadi go nna le lentswe la kgalemo le le tseneletseng.

A re lelwapa ke sekole se bana ba tsayang malebela mo go sone mme e re ba gola, ba dire se ba godileng ba bonwa se dirwa mo go lone, ka jalo o kopile batsadi gore ba itshware sentle ba seka ba nna ka matlhapa le dintwa fa pele ga bana.

Fa a itebaganya le borre, Kgosi Maunatlala o ba kopile gore ba seka ba nna diganka mo basading gonne bana ba tla a tsaya malebela mme ba tseye gore go betsa mosadi ke yone ngwao.

Bomme bone ba kgaletswe go bua matlhapa, a supa fa mafoko a a botlha, a jwalega motlhofo mo ditlhaloganyong tsa bana.

O boletse gore mogolo mongwe le mongwe ke motsadi wa ngwana ka jalo o ka kgalema fa a bona ngwana a tswa mo tseleng.

Mongwe wa banni, Rre Abednicoh Masuku o boletse fa thapelo ele yone fela e ka kgonang go fedisa botlhoka tsebe jwa bana.

Mme Bontle Moeng le ene fela jalo o dumela fa tsotlhe di ka kgonwa ke thapelo mme a kgala thata batsadi ba ba bipang mpa ka mabele gonne morago bana bao ba felela  ba tlhorontsha bone batsadi.

O boletse gape gore batsadi bangwe ga ba ke ba thusa le fa e bile mokgosi o kuiwa.

Mme Keboneope Rrammurwane, ene o kopile gore batho ba ba bolayang ba bangwe ba seka ba fiwa tetla ya go letela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo ka go dira gore mmolai a felele a ikgantsha.

Mme Rrammurwane o kopile gore molao o sekasekwe mme yo o bolaileng a nne kwa kgolegelong go fitlhelela a seka.

Kgosi  Maunatlala o  kopile  baagisani go itirela ntebela ke go lebele a re moo go tla dira gore batho ba kgathale ka se se diragalang  kwa moagisaning wa gagwe, mme e bile a kgone go mo tswa thuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 22 Jul 2014