Bakereki ba kgothadiwa go tlotla bagogi
22 Jul 2014
Mookamedi wa kereke ya Assemblies of God (Kamo le Kamo), Moruti George Mokaedi o kgothaditse balatedi ba dikereke go tlotla bagogi ba bone jaaka baruti le babusi e le ntlha nngwe ya go direla Modimo.
Moruti Mokaedi o buile jalo fa a ne a bula semmuso dithuto puisano tsa banana tsa kereke ya Unity (ERP) di remeletse mo ditlhabololong tsa Kanye ka malatsi a boitapoloso a ga Tautona.
Moruti o boletse fa sepolotiki sa go kgalana se gaketse, mo dikereke di lwang di kubetsana mo pepeneng mo tse dingwe di thubegang go dirwa tse disha. O boletse fa dikereke di runya mo go tsitsibanyang mmele, se se makatsang e le gore go obamelwa Modimo o le mongwe fela.
O kgothaditse bakereki gore ba tlotle dikgosi, ba boife Modimo ba bo ba tlotle babusi ka ba beilwe ke Morena. “Ratanang jaaka Modimo a lo ratile gore go nne le tswelelopele mo dikerekeng; fa lo dira jalo lo tla atlega thata ebile modimo o tla le okeletsa masego le matlhogonolo.
Ntshang sengwe le sengwe se le nang le sone gore masego le o ne a lo sale morago,” ga bua jalo Moruti Mokaedi. Moruti o tlhalositse fa batsadi ba sa rute bana sentle, ba ba ruta go timana, go seba le go tlhowa bagogi, a bolela fa Modimo o sa rate seo.
O boletse fa go tlotla motho yo mongwe e le go tlotla modimo ka gore motho o bopilwe mo setshwanong sa gagwe.A re Botswana o rena kagiso ka ntata ya tlhotlheletso ya mowa wa modimo mo bagoging.
O ba kgothaditse gore ba ipele ka dikereke tsa bone ebile ba tsamaye ba bua ka Modimo le dikereke tsa bone gongwe le gongwe, mme ba bua ka molemo.
Le fa go ntse jalo, kereke ya Unity mo Kanye, e tshwaragane le namane e tona ya go aga kereke e kgolwane mo Kanye, ba lomaganya ka meamuso e tlhaela.
Ba ne ba gopola mosimolodisi wa kereke eo, Moitshephi Edwin Kenaleeng Katjipaha yo o tlhokafetseng mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Pulo Semmuso
Date : 22 Jul 2014