Breaking News

Bongaka jwa setso ga se boleo

22 Jul 2014

Motswana a rile tshaba e se nang ngwao ke e e latlhegileng. Se se raya gore ngwao  ga e a tshwanela tlogelwa e nyelela. Ngwao e ka supiwa ka dilo tse dintsi di akaretsa dijo, diaparo, meletlo, le tse dingwe jalo; gape, go na le bongaka kgotsa kalafi ya setso.

Le fa go ntse jalo, botshelo jwa malatsi a bo ile thata kwa sekgoeng mo bana ba ba tlang kwa morago o fitlhelang ba sa tlhole ba na le kitso e e tletseng ya ngwao.

Mme Shiane Phaladze, yo o dingwaga di masome a matlhano le boraro, yo o tlholegang kwa Zwenshambe, ke mongwe wa batho ba ba sa  ntseng ba leka go tshegetsa ngwao.

O dira jalo ka go diragatsa bongaka jwa setso a sa iphitlhe, ka a re o batla gore batho ba tlhaloganye gore bongaka jwa setso ga se sepe se se maswe.

Mme Phaladze, yo o direlang kwa Francistown, a re o ne a gwetlhwa ke go bona batho ba le bantsi mo toropong mme a bona go le botlhokwa gore a tle ka melemo ya gagwe go e rekisa gaufi le bone.

A re o rekisa melemo e tshwana le monepenepe, o a reng o dirisiwa go tlhatswa madi; mbenganyo, o o nowang ka tee, le one e le wa madi; le mochijana, o a tlhalositseng fa o dirisiwa go alafa popelo. A re melemo ya gagwe o e epa mo nageng mme o ne a tlhalosa gore go tsile jang gore e nne ngaka.

A re e ne e le pitso morago ga gore a tlhagogelwa ke bolwetse ka 2000, mo a neng a felela a sa kgone go itirela sepe. “Ke ne ke le molwetse fela wa dikobo mme ba kereke e ke e tsenang, tse ba di bitsang tsa semowa, ba tlhalosa fa kalafi e le gore ke dire se ke se bileditsweng,” ga bua Mme Phaladze.

A re tiro ya gagwe o e dira ka botswapelo a itebagantse thata le go alafa malwetse a madi. Ditlhwatlhwa tsa melemo ya ga Mme Phaladze di simolola ka dipula tse tharo e le tsa molemo o o diretsweng ruri, mme e mengwe ke dipula tse di lesome go ya kwa godimo.

Mme Phaladze a re ba na le diphuthego tse ba di tsenang e le dingaka, tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga mo mafelong a a farologaneng.  A re ngogola phuthego ya go nna jalo e ne e tshwaretswe kwa Malatswai gaufi le Mmashoro.

O tsweletse a re mo diphuthegong tseo, tse di tsenwang le ke badirela puso ba botsogo, banna le monyetla wa go supa melemo ya bone mo setshabeng. Go ya ka Mme Phaladze, Batswana ba kgatlhegela melemo ya Setswana mme a re mo letsatsing o kgona go bona bareki ba feta lesome.

A re ba ka tswa ba okwa ke gore melemo ya gagwe e alafa malwetse a masesanyane fela, ga se e e dirisediwang go tsenya ope mo diphatseng.

Mme Phaladze a re le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba go lebegang ba na le keletso ya go reka melemo mme ba tlhajwa ke ditlhong. “Kana melemo e re e rekisang e, ke e o e fitlhelang mo marekisetsong a tsa kalafi, a ka sekgoa a bidiwang di-pharmacy.

Fela ka gore koo e abo e phuthetswe bontlenyane, Batswana ba bona go le botoka go reka koo,” ga bua Mme Phaladze. A re le fa a rotloetsa melemo ya setso, ga a kgale ka gope melemo ya sekgoa le kalafi ya teng.

O ne a fetsa ka gore Batswana ga ba a tshwanela go latlha ngwao ka jaana e tshedisitse ba le bantsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : FRANCISTOWN

Event : Puisanyo

Date : 22 Jul 2014