Breaking News

Barutabana ba batla go tsosolosa ngwao

22 Jul 2014

Go tlhoka kitso ka tsa ngwao ga bana go gwetlhile barutabana ba sekole se sebotlana sa Borakanelo kwa metseng ya Mokokwana le Mosweu mo kgaolong ya legare go rulaganya moletlo wa tsosoloso ngwao.

Fa a bua kwa moletlong oo, o o neng o ketekelwa kwa Borakanelo ka Labotlhano (July 18), morutabana, Mme Bonyana Legae, o ne a re bana ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka go itse ditso.

Mme Legae o supile gore ke ka moo ba boneng go tshwanela gore ba tshwaragane le bagolo ba metse e mebedi eo go tla go fa bana lesedi ka tsa ngwao. A re mo dikoleng thuto ya ngwao e fitlhelwa mo dithutong di tshwana le Setswana, Creative and Performing Arts, le Social Studies.

O tsweletse ka gore go nna thata mo go bone gore ba rute bana ka tsamaiso le didirisiwa tsa ngwao fa bana ba sena lesedi lepe mo go tsone. Mme Legae a re ba ne ba lemoga gore le kwa malwapeng bana ga ba kopane gope le bontsi ja dilo tse di amang ngwao.

A re maikaelelo a moletlo e ne e le go tla go rutana ka dingwao tsa merafe e mengwe ka jaana go itse ditso tsa motho yo mongwe e le selo se se botlhokwa fela thata. A re kitso ka ditso tse di farologanyeng e ka dira gore go nne motlhofo mo bathong gore ba tlhaloganyane.

A re ka thuso ya batsadi ba kgonne go aga ntlo ya setso mo sekolong ba bo ba e tsenya le didirisiwa tsa setso tse di farologanyeng, selo se se tlaa ba direla tiro motlhofo.

Dingwe tsa dithuto tse bangwe ba bagolo ba neng ba di fa bana di ne di akaretsa go rapelela pula, go bolotsa letsema, tsamaiso ya loso le botsetse le go rafola.

Bagolo ba ne ba tswelela ke go fa bana dipina tsa setso le go tlhalosa gore di ne di opelwa fa go rileng. Ba ne gape ba apeetse bana le batsena moletlo dijo tse di farologanyeng tsa setso.

Batsadi ba ne gape ba fa bana sebaka sa go apara diaparo tsa setso jaaka makgabe, dibebe le ditshega tse ba neng ba di ba diretse.

Kgosi Mhaladi Mhaladi wa boraro go tswa kwa Seolwane, o ne a leboga barulaganyi ba letsatsi leo go menaganye, a re tiro eo ke e e botlhokwa thata mo lefatsheng leno.

Kgosi Mhaladi a re fa bontsi jwa batho ba ne ba ka nna le moono wa go ruta bana ngwao ka tsela e e tshwanang le e, ngwao e ne e ka seke e nyelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : LERALA

Event : Tsosoloso Ngwao

Date : 22 Jul 2014