Sekole sa Mokolodi se a gola
22 Jul 2014
Sekole se sebotlana sa Mokolodi ke sengwe sa tse di godileng thata fa go lebilwe gore e rile se bulwa ka 2009, sa bo se na le baithuti ba le masome a a ferang bongwe le bongwe, barutabana ba le barataro le matlwana a borutelo a le matlhano.
Mo nakong eno se na le baithuti ba le makgolo a mabedi le metso e some, barutabana ba le lesome le matlwana a borutelo a roba bobedi.
Fa a amogela dimpho tsa semausu le dimonamone, tse ba neng ba di abelwa ke ba lebenkele la Pep Stores bosheng, mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Obamang Kgosidintsi o tlhalositse fa ba ne ba itela ka letlhoko la dikwalo mo go ba Pep ngogola, ka lesego ba ba abela dikwalo di le makgolo mararo.
Mme Kgosidintsi re o leboga ba Pep ka jaana ba na le seabe mo thutong ya bana ba Mokolodi. Ba Pep gape ba ne ba ba rekela bana ba ba nang le botlhoki paka ya sekole.
Mogolwane go tswa Pep, Rre Tswelelo Rahube a re ba amogetse kopo ya dikwalo go tswa kwa sekoleng sa Mokolodi ngogola, mme ba di ba abela.
O tlhalositse fa e rile ba sena go di aba, ba sekaseka gore a go dira jalo go lekane, mme ba bona gore fa dibuka tseo di sena go dirisiwa tsotlhe go tlaa bo go ntse go na le letlhoko, ka jalo ba tsaya tshwetso ya go rekela sekole seo semausu le dimonamone, gore ba tle ba itirele madi.
Rre Rahube o boletse fa ba solofela gore semausu seo se tlaa dirisiwa sentle, a bo a ba solofetsa fa ba tlaa ba tlhola kgapetsakgapetsa go tla go ba rotloetsa ka go reka, ka ba itse fa le bone ba reka kwa go bone.
O kopile batsadi go tshwaragana le barutabana go godisa bana gore ba tsoge e le baeteledipele ba lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MOKOLODI
Event : Kamogelo Dimpho
Date : 22 Jul 2014