Omang ke letshwao la Batswana
22 Jul 2014
Tona wa lephata la tsa pereko le tsa selegae, Rre Edwin Batshu are Omang ke letshwao le Batswana ba itseweng ka lone e bile ke selotlolo sa go bulela motho dikgoro tsa go thusiwa ka ditirelo ka go farologana.
Fa a buisa banni ba Matenge le Jackalas 1 mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng, Rre Batshu o ne a re karata ya Omang e tshwanetse ka dinako tsotlhe ya bo e le mo diatleng tsa mong.
A re go a tshwenya ka jaana go sa ntse go na le bangwe jaaka bomatshonisa, ba ba nang le mokgwa wa go amoga batho boOmang. A re go dira jalo ke molato o motho a ka o tseelwang dikgato.
O ne a rotloetsa batsadi go direla bana ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro Omang mo malatsing a a masome mararo a sena go digela dingwaga tseo.
Mo go tse di amang lephata la gagwe, tona Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o ne a supa fa go le botlhokwa gore go kwadisiwe ka fa molaong loso longwe le longwe lo lo diragalang, a re go tshwanetse ga dirwa jalo mo malatsing a le masome a mararo.
Rre Batshu o tladitse ka gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang a direlwe setlankana sa matsalo mo malatsing a le masome a marataro. A re go kwadisa moo go botlhokwa thata ka go thusa puso go baakanyetsa masea ao bokamoso tebang le tsa botsogo, thuto le tse dingwe.
Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a kopa Batswana go nna le kutlo le go obamela melao ya lefatshe leno ga mmogo le go sireletsa, go rata le go dibela lefatshe leno ka gotlhe mo ba ka go kgonang.
A re mo godimo ga tsotlhe, ba tshwanetse ba nna le dikakanyo tsa go boifa Modimo ka poifo Modimo e thusa gore ba amogele tlhotlheletso ya mowa o o boitshepo, o o ka ba thusang gore ba nne kgatlhanong le mewa e e sa siamang e e ka digang seriti se se ntle sa lefatshe leno.
A re lefatshe lengwe le lengwe le na le melao e le e dirisang go le tsamaisa, ka jalo go mo maruding a mongwe le mongwe go obamela melao ya lefatshe leno.
O tlhalositse fa melao e tshwana le ya mesepele le boagedi, e sa tshwanela go itlhokomolosiwa, a re go sa nneng jalo, lefatshe leno le ka fetoga la manong
Fa ba tswa la bone, banni ba metse eo ba ne ba leboga tona go bo a ne a ipha matsapa a go ba etela go ba lekola, mme ba itela mo go ene ka ditlhabololo dingwe tse di santseng di saletse kwa morago mo metseng ya bone.
Tona Batshu, fa a araba mabapi le seo, o ne a re ba tshwanetse ba lemoga fa kwelo tlase ya itsholelo e ne ya ama go dirwa ga ditlhabololo di le mmalwa mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego Tsa Kgotla
Date : 22 Jul 2014