Breaking News

Letlhoko la matlwana le arabilwe

22 Jul 2014

Selelo sa barekisi ba mo mekgwatheng ga mmogo le bakgweetsi bangwe ba dipalamo tsa setshaba sa letlhoko la matlwana a boitiketso kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba kwa Tutume se arabilwe.

Selelo se se arabilwe morago ga gore matlwana a a nang le lobaka a agilwe mme a se mo tirisong a bulelwe setshaba bosheng.

Mo puisanong le BOPA, Mme Ketshepile Maphorisa yo o  mo kgwebong ya go roka ditlhako, o supile fa go bulwa ga matlwana a go ba sologetse molemo fela thata gonne ba ne ba tshwaragane le bothata fa ba tshwanelwa ke go ya go itiketsa.

Mme Maphorisa a re ba ne ba patikega go tsamaya sekgala ba ya go kopa thuso kwa kgotleng kgotsa ba kopa mo malwapeng a a gaufi, selo se a tlhalosang fa se ne se ba diga seriti.

Mogwebi yo mongwe,  Mme Keneilwe Tafa le ene o tlhalositse fa letlhoko la matlwana le ne le ba beile ka fa mosing.  A re  go ne  go tlhapologelwa ka fa morago ga dikago tsa marekisetso, mme go  bake monko o o kgaolong molebo wa nko. O boletse fa letlhoko la matlwana le ne le sa babalele setshaba fela mme le ne le rotloetsa kgotlelesego ya tikologo.

Mokgweetsi wa dipalamo tsa setshaba, Rre Keletso Munyadzwe le ene o galaleditse go tsena mo tirisong ga matlwana ao.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa motse wa Tutume, Rre Kopano Tamari, o boletse fa matlwana ao a agilwe ke badiri ba lenaneo la Ipelegeng mme o kopile setshaba go supa boikarabelo ka go a dirisa ka fa tshwanelong.

Rre Tamari a re go ka swabisa go bona matlwana a ba sa bolong go lela ka one a fetogile matlotla kgotsa lengwe lefelo le setshaba se ka se kgatlhegeleng go le dirisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Puisanyo

Date : 22 Jul 2014