Breaking News

ISPAAD ke molemo

22 Jul 2014

Maduo a lenaneo la temo-thuo la ISPAAD a a bonala ka Batswana bangwe ba le dirisa go itshetsa le ba malwapa a bone le go dira kgwebo go bona dipoelo.

Rre Titus Matthys wa masimo a Khesekwa kwa Takatokwane ke mongwe wa balemi ba ba tlhalositseng fa maungo a lenaneo la ISPAAD a tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe. A re lenaneo le, le mo godisitse fela thata ka mo nakong eno a fetogile mongwe wa balemi ba ba lemelang kgwebo.

O boletse fa a simolotse go inaakanya le temo ka 2006 e le molemi yo o lemelang go jela mo ganong ka a ne a tlhaelelwa ke dipeo le tsone didirisiwa tse di lemang. A re o simolotse go bona thobo e e nametsang morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ka o kgona go rekisa thobo ya gagwe kwa Botswana Agricultural Marketing Board mme e bile o kgonne go ithekela terekere, polantere le motshine o o silang letlhaka.

Rre Matthys a re lenaneo le, le botlhokwa fela thata ka le thusitse balemi ba ba botlana go tlhagafalela temo le gone go itshetsa ka yone . O boletse  fa a bone thobo e e nametsang fela thata mo ngwageng ono go gaisa mo dingwageng tsotlhe tse a saleng a  lema ka jalo a solofetse dipoelo tse di  itumedisang.

A re o dumela  gore Batswana ba ba dirisang mananeo a puso segolo bogolo la ISPAAD sentle, ba  tlaa inoga mo lehumeng e bile maiteko a puso a go tokafatsa matshelo a Batswana ka mananeo a a farologaneng a tlaa atlega. O gwetlhile balemi go dirisa lenaneo le go ikinola mo lehumeng, a kaya fa puso e rotloetsa batho mme fa bone ba santse ba iketlile ba batla atlhama ke go jese, ba tla lela ka lehuma go ya go ileng.

Rre Matthys o boletse fa a ikaeletse go tokafatsa temo ya gagwe ka jalo a tsweletse ka go kwatabolotsa mo go ba ba dirang sentle. O gwetlhile balemi go inaakanya le temo ya segompieno ya go lema ka ditselana go nne go motlhofo go tlhagolela dijwalo le go tshela menontshane fa o e dirile.

O tsweletse a re temo e tlhokana le tlhokomelo e e mashetla jalo o rotloeditse balemi go agelela masimo a bone. O tlhalositse gore molemi o tshwanetse go nna kwa masimo go simologa fela ka nako ya go lemiwa go bona gore a raterekere o mo lemela sentle le gone gore go jwetswe peo e a e batlang.

A  re ntswa mohama wa tsa temo o lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le diji le malwetse a dijwalo, ga a kitla a kgobega marapo ka temo e le botshelo jwa gagwe e bile e le selo se a se ratileng.

Go ntse go le foo, Rre Matthys o lebogetse kemo nokeng le thotloetso ya molemisi wa Takatokwane mme a gwetlha balemi go tsaya dikgakololo tse ba di fiwang ke balemisi tsia. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 22 Jul 2014