Ba kgothadiwa go simolola mekgatlho
22 Jul 2014
Mogolwane wa thibelo dikgobalo wa Motor Vehicle Accident Fund, MVA, Mme Kwenantle Otukile o kgothaditse bagokgo ba dikole tsa Boteti go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng tsa bone gore bana ba kgone go rutwa ka ipabalelo tseleng.
Mme Otukile o dirile kgothatso e kwa thuto-puisanong ya go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng ya dikole tsa Boteti kwa Letlhakane ka Labotlhano, mme a bolela gore se ba se dirang ke go itebaganya le motho ka jaana koloi ka nosi fa e sena motho mo teng e ka seka ya dira kotsi.
A re ba na le lenaneo la go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng ka jaana ba lemogile gore bana ba tlhaela kitso, mme e bile ke bone ba amiwang thata ke dikotsi selo se a reng se a tlhobaetsa.
Mme Otukile o ba kgothaditse go tlhopha setlhopha sa ba na le seabe ba ba akaretsang batsadi, barutabana, mapodise ba lephata la ipabalelo tseleng le bana ba le babedi e le batsamaisi ba mekgatlho e.
O tsweletse a ba kopa go inaakanya le komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo ya go ithuta le go tsaya malebela mo go yone gore ba kgone go atlega, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba dira lenaneo la megopolo e ba ikaelelang go e diragatsa.
Mme Otukile a re fa ba sena go tlhama mekgatlho e, ba bo ba itsese ba MVA gore ba tle ba rutuntshe bana, a tlatsa ka gore mananeo otlhe a ba batlang go a dira ba romela lenaneo la one kwa MVA gore e ba thuse ka madi.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Motsumi, Rre Mathumo Sechele o supile gore le bone ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di amang bana mo kgaolong ya Boteti, selo se a reng ke sone se ba gwetlhileng go kopa thuso kwa MVA.
Rre Sechele a re maikaelelo a bone ke go bona bana ba nna le kitso ka ipabalelo tseleng ka jalo a re go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng go tla thusa thata ka bana ba ba mo mekgatlhong e ba tlaa ruta ba bangwe ka ipabalelo tseleng. A re dikoloi di dintsi ka jalo dikotsi le tsone di golela pele, a tlatsa ka gore go latlhegelwa ke ngwana a le mongwe mo kotsing ya tsela ke tatlegelo e kgolo.
Modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo, Rre Bahithi Keiphokotse a re go nowa bojalwa phetelela, dikoloi le tsone di tsamaya ka lebelo le le kwa godimo mo motseng wa Letlhakane ka jalo dikotsi le tsone di ile magoletsa tse e bileng di ama bana le batsamaya ka dinao.
A re o solofela gore ba ba neng ba tsene thuto-puisano e ba tlaa ya go kgaogana kitso e ba e amuleng le ba bangwe gore ba tle ba kgone maikaelelo a bone a go anamisa thuto ya ipabalelo tseleng mo baneng ba dikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Thuto-Puisano
Date : 22 Jul 2014