Lephata la dikgwa le ipaakanyeditse melelo ya naga
18 Jul 2014
Mothusa mookamedi wa lephata la dikgwa le dibapalwa nageng, Rre Joshua Moloi a re ba ipaakanyeditse paka le kgonagalo ya melelo ya naga mono ngwaga.
Rre Moloi a re paka ya go segwa ga bojang e simolotse kaLaboraro go fitlhelela Phalane a tlhola malatsi a le lesome le boroba bongwe.
O boletse fa ile go lekodisa setshaba ka go segwa ga bojang gore melelo ya naga e tsweletse ka go jwajwaila naga mme selo se se bakwa ke selekanyo sa dipula tse di neleng ka gore fa dipula di le dintsi, le se se ka shang se nna sentsi.
A re majang le ditlhare di a bo di tlhogile e bile fa mariga a tsena di a omelela mme di oketse kgonagalo ya gore di she.
Rre Moloi a re melelo e farologana ka botona gape e laolwa ke diphetogo tse di diragalang mo loaping tse e leng gore di ka rotloetsa gore melelo e ka nna jang mono ngwaga.
O tlhalositse gore melelo mo Botswana e bakiwa ke dilo tsa tlholego jaaka tladi le batho ba ba dirang molelo ka bomo kana ka maikaelelo mme gongwe o ba tswe diatleng.
A re dipatlisiso di supa gore mo Botswana gantsi melelo e dirwa ke batho ka jalo o tsibositse setshaba gore ba nne kelotlhoko.
A re ba ipapanne ka methale e e farologaneng gore ba leke go lwantsha melelo le kgonagalo ya yone.
O tlhalositse gore ba nnile le bokopano le boeteledipele jwa lefatshe, batsaya karolo go tswa khutlong tsotlhe tsa Botswana mme ba lekodisana ka seemo se, le gone go lebelela dipaakanyo gore a ba na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go lwantsha molelo fa o ka tlhagoga.
O ne gape a re ba setse ba simolotse go dira dikganela molelo le go isa bodiredi kwa dikgaolong tse di tshabelelwang ke molelo go ela seemo tlhoko.
Rre Moloi le ba lephata la gagwe ba abetse baithaopi dilwana tse di ba sireletsang fa ba lwantsha melelo, a tlhalosa gape gore ba tsweletse ka go ba rutuntsha gore ba ka tima melelo jang.
Rre Moloi a re gape ba na le boranyane jo e leng moalo o ba o dirisang go itse tota gore melelo e fa kae gore ba romele batho le kitsiso nako e sale teng.
Fa a lekodisa ka go segwa ga bojang, o ne a re ba tsweletse ka go fa diteseletso tsa go sega bojang e le seelo sa go itse gore batho ba ba segang ba kae, ba sega selekanyo se se kae e bile ba ipaakantse go le kae go sireletsa tikologo fa go ka tlhagoga molelo.
A re gape ba bolotsa letsholo gore mongwe le mongwe yo o tlaa bong a batla go sega bojang o tshwanetse a ikopanye le bodiredi jwa lephata kwa dikgaolong tse ba tlaa bong ba batla go sega teng gore ba kgone go fiwa diteseletso.
A re molawana o o laolang go sega bojang o tlhalosa gore fa motho a sega dingatana tse di fetang makgolo a fera bobedi kgotsa 800kg ba tlamega go dira teseletso.
O feditse ka go re Batswana ba tlhokomele bojang ka ba itshetsa ka jone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tsholofelo Motswagae
Location : GABORONE
Event : Tekodiso setshaba
Date : 18 Jul 2014