Nteletsa e thusa banni
18 Jul 2014
Maranyane a Nteletsa wa Bobedi a a abetsweng metse ya dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo a mosola fela thata ka a tokafaditse matshelo a banni.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Kagiso Tshabaitsile yo o e leng moithaopi kwa Ngarange mo kgaolong ya Okavango o supile fa lenaneo leo le thusa fela thata ka batho ba sa tlhole ba latela ditlamelo tseo kwa Shakawe le Gumare jaaka pele.
Mme Tshabaitsile o supile fa lenaneo leo le thusa ka maranyane a inthanete, go rekisa dikarata tsa megala wa letheka tsa be Mobile, go dira meriti ya Omang le ditlankana tse di farologaneng ga mmogo le go ntsha dithuso tse dingwe.
O supile fa banni ba itumelela maranyane ao e bile ba dirisa ditlamelo tseo ka dinako tsotlhe, segolo bogolo badirelapuso ka ba kgona go dira ditiro dingwe tsa bone tse di tlhokang dibalamakgolo gammogo le barutabana ba ba a dirisang mo go tsa thuto ya bana ba sekole.
Mme Tshabaitsile o tlhalositse fa ba okeditse ditirelo tsa bone ka go rekisa didirisiwa tsa bana ba sekole di akaretsa dipene, disutlho, dibuka tsa sekole tse di kwalelwang le dionfolopo mme a re ba dira dipoelo tse di nametsang fela thata ka dithuso tse ba nang le tsone.
Le fa go ntse jalo, Mme Tshabaitsile o tlhalositse fa ba kopana le dikgwetlho tsa go senyega ga didirisiwa tsa bone jaaka motshine o o dirang meriti ya dipampiri le go kgaoga ga maranyane a inthanete, selo se a supileng se emisa ditirelo tse dingwe tsa bone.
O supile fa ba ikaelela go tlhabolola ditirelo tsa bone ka go simolola go rekisa dikarata tsa megala tsa Mascom le Orange ga mmogo le go rutuntsha banni ba motse wa Ngarange le metse e e mabapi ka go dirisa dibalamakgolo le inthanete. BOPA
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 18 Jul 2014