Breaking News

Bojalwa bo okela banana dihawa

17 Jul 2014

Kgosi ya Lepashe mo kgaolong-potlana ya Tutume, a re ga a itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana bangwe ba motse oo ka ba nna fela mo dinotaging. 

Kgosi Mmoloki Tshabisa o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a supa fa botho jwa banana bangwe  bo tsere phekelo e sele ka jaana ba tlhola fela kwa marekisetsong a bojalwa. 

A re dinotagi tse banana ba inaakantseng le tsone di ba tlisetsa dihawa ka jaana bangwe ba felela ba amega mo borukutlhing jwa go thujwa ga matlo le marekisetso. 

O tlhalositse fa bana ba dikole le bone ba inaakantse le tiriso ya bojalwa, mme a re seo se dira gore ba tlogele sekole fa ba basetsana ba ima ntswa ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase.

Kgosi Tshabisa o kgadile beng ba marekisetso a dinotagi ba ba tsweletseng ka go rekisetsa bana bojalwa gammogo le bagolo ba ba itisang le bana kwa marekisetsong a bojalwa.

A re bojalwa ke dingwe tse di diyang banana go akanya le gone go itirela se ba ka itshetsang ka sone. 

O boletse gore le mororo go na le mananeo ka go farologana a maikaelelo e leng go fokotsa letlhoko la ditiro, go a swabisa  e bile go ngomola pelo go bona banana ba sa supe kgatlhego mo go one. 

A re ke palo e e tsenang mo seatleng fela  e e ikwadiseditseng mananeo, a tlatsa ka gore bangwe ba ba a tsereng, ga ba a tlhokomele ka jalo ba felela gape ba itshopere.

Kgosi Tshabisa a re banana ke bone baeteledipele ba ka moso ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao go tokafatsa matshelo a bone le gone go nna le boikarabelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 17 Jul 2014