Jwaneng o ipaakanyetsa boipuso
17 Jul 2014
Mothusa molaodi wa toropo ya Jwaneng, Rre Thusang Nyoni o kopile banni ba toropo eo go bereka ka natla go tsosolosa serodumo sa letsatsi la boipuso.
E rile a buisa phuthego ya matlhagola tsela ya moletlo oo, Rre Nyoni a re, e re ka jaana lefatshe leno le tlaa bo le digela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa ka 2016, moono ke gore go simololelwe ruri go baakanyetsa moletlo o motona oo.
A re moletlo wa boipuso ke wa morafe ka kakaretso, ka jalo tshwanelo ke gore o etelelwe pele ke komiti e e okametseng dikomiti tsa ditlhabololo tsa toropo, fa badirelapuso le boeteledipele bone ba a fa dikgakololo fa go tlhokegang teng.
O boile gape a kopa gore batho botlhe ba ba tshotsweng ka 1966 ba ipope ba tswe ka megopolo e e ka natefisang moletlo oo.
A re monongwaga moletlo wa letsatsi la boipuso kwa Jwaneng o tlaa tshwarelwa kwa kgotleng ya Raphalane, mme jaaka e le tlwaelo puso e thusitse ka P44 000, mo godimo ga moo go na le P56 906 o o tswang kwa komiting e kgolo e e baakanyetsang boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano.
Le fa go ntse jalo, Rre Nyoni o kopile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go etelela pele go kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana ka jaana lemme le le leng teng le ka seke la lekana.
Mokwaledi wa khansele ya Jwaneng, Rre Dick Kalantle ene o supile fa e rile mo ngwageng o o fetileng ga tsewa tshwetso ya gore dikgosi le makhanselara a toropo eo ba nne teng mo phuthegong ya matlhagolatsela ya letsatsi la boipuso gonne ba ka thusa ka megopolo gammogo le go tsaya karolo mo dipaakanyetsong tsa letsatsi leo.
O tsweletse a tlhalosa fa moepo wa Jwaneng o na le seabe se segolo mo ditlhabololong tsa toropo eo, ka jalo go le botlhokwa gore baemedi ba one ba bilediwe diphuthego tsa meletlo e tshwana le ya boipuso ka ba tlaa thusa ka megopolo le gone go nna le seabe mo go e diragatseng.
O kopile morafe wa Jwaneng go dira ka mashetla gore letsatsi le le oke batho ba le bantsi le gone go tsosolosa mowa wa boipuso go tsamaela kwa ngwageng wa 2016. O ba gwetlhile go tswa ka megopolo e e kgatlhisang e bile e tlosa bodutu.
E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e okametseng ditlhabololo tsa Jwaneng, Rre Justice Motaung a lebogela go bo ba filwe boikarabelo jwa go etelela dipaakanyo tsa boipuso pele.
Le fa go ntse jalo, o supile fa gantsi ba na le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya dikoloi mo go ba kgoreletsang go dira tiro ya bone ka thelelo. O kopile badirela puso go tsenya letsogo gore dikgang tsa didirisiwa e seka ya nna sekgoreletsi se setona monongwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya matlhagola tsela
Date : 17 Jul 2014