Go dira ka setlhopa go botlhokwa
17 Jul 2014
Go bolelwa fa go le botlhokwa gore fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e tsaya marapo, e lebelele gore e ya go bereka jang e le setlhopha segolo bogolo ka maloko a farologana ka megopolo.
Se, se boletswe ke mogolwane go tswa mo ofising ya boipelego kwa Ramotswa, Rre John Sephobe, kwa thuto puisanong e go neng go tlhatlhelelwa maloko a komiti ya VDC ka tsamaiso ya komiti eo le go tshwara dibuka le madi.
Rre Sephobe o tlhaloseditse maloko ao gore ga ba kake ba ya gope fa ba sa bereke e le setlhopha, ka maikaelelo a le mangwe a go tsisa ditlhabololo mo motseng.
O ba gakolotse gore ba tlhaloganye fa ba tla ka dikitso tse di farologaneng, ka jalo ba ka di kopanya gore di ba ise kwa moonong wa bone wa go tlhabolola motse. Rre Sephobe o ba gakolotse gape fa neelano le puisano di le botlhokwa mo komiting, a bo a kopa mongwe le mongwe go dira karolo ya gagwe jaaka leloko.
O tsweletse a tlhalosa gore go botlhokwa gore moeteledipele wa VDC a kgothatse batho ba a ba eteletseng pele gore ba tle ba bone go nna le tema mo go se ba se dirang. Mogolwane wa ofisi ya Boipelego kwa Taung, Mme Masego Kgomotso, o boletse fa moeteledipele a tshwanetse go tlogela letshwao le le eletsegang le gone go tsepama mo tirong ya gagwe. O gakolotse maloko ao go tlhaloganya fa ba tlhophilwe ke batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : OTSE
Event : Thuto-puisano
Date : 17 Jul 2014