Barui ba tlaa phimolwa keledi
17 Jul 2014
Puso e tlaa phimola keledi barui ba dikgomo tse di neng tsa a swa morago ga go busediwa ga dikgomo le dihutshane mo bontlheng bongwe jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba jo bo neng jwa amiwa ke tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo.
E rile a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Jackalas 1 le Senyawe bosheng, mothusa-tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi a bolela fa barui ba tlaa phimolwa keledi ka madi a a kana ka dikete di le pedi le makgolo a le matlhano a dipula kgomo nngwe le nngwe.
A re tshwetso e, e tserwe morago ga go ikuela ga barui fa dikgomo tsa bone di sule ka dipalo tse di kwa godimo ka mabaka a a farologaneng.
Rre Molebatsi a re barui ba ne ba supile fa dikgomo dingwe go ne go bonala di ne di lwala, fa tse dingwe e ne e re di sena go buiwa, go fitlhelwe matsela le dipolaseteke mo megodung ya tsone.
Le fa go ntse jalo, mothusa-tona o tlhalositse fa go tlaa tlhokiwa bosupi jo bo papametseng jo bo supang mabaka a go swa ga dikgomo tseo, a re barui ga ba kake ba duelelwa dikgomo dipe tse e leng tsa bone fela.
Go sale foo, Rre Molebatsi o gakolotse banni fa puso e tlaa seke e duelele balemi temo fa ba lema ba gasa go simolola ka paka e e tlang ya temo, gonne go lemosegile fa go lema ka ditselana go na le maduo a mantle, ka jalo go ka seke ga tshelwa diketekete tsa madi ka motlhobodika ka go rotloetsa mekgwa ya temo e e sa busetseng jaaka wa go gasa.
O tsweletse a supa fa puso e tlaa tswelela ka go thusa balemi ka go ba fa peo ya mmoulo, menontshane ga mmogo le tshefi e e bolayang mhero, e le maiteko a go rotloetsa thobo e e botoka.
E ne e rile go le pele a lekodisa mothusa-tona ka tse di ba amang, modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Jackalas 1, Rre Headman Keetile a supa ngongorego ka tiego ya go duelwa ga beng ba diterekere fa ba sena go lemela batho, a tlhalosa fa seemo se, se setse se dira gore beng ba diterekere ba goge dinao go thusa balemi ka dinako tsa temo.
Rre Keetile o supile gape fa banni ba motse oo ba dikile ba bone thobo e ntsi ka ntlha ya dipula tse di namagadi tse di neleng.
Le fa go ntse jalo, o kopile puso go thusa balemi bangwe ba ba duleng ba iphotlhere ka mebu ya masimo a bone e ema metsi. Fa a kgwa mothusa-tona kgaba, mongwe wa banni ba motse wa Jackalas 1, Rre Justice Majase o ngongoregile ka go tla thari ga diterekere kwa motseng wa bone, seemo se a boletseng fa se dira gore balemi ba siiwe ke bokgola.
O kopile gore go bewe terekere mo motseng mongwe le mongwe gore balemi botlhe ba kgone go lemelwa ka nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 17 Jul 2014