A tshenyetso setshaba e emelwe ka dinao
17 Jul 2014
Tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo ke nngwe ya dilo tse di tsileng go setlhafatsa lefatshe leno fa e sa emelwe ka dinao nako e sa ntse e letla.
Fa a buisa dikomiti tsa ditlhabololo tsa toropo ya Francistown bosheng, mogolwane go tswa kwa lephateng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Mme Felistus Hlabano o boletse fa ba tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go leka go bereka le setshaba mo go lwantsheng borukutlhi jwa tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo mo lefatsheng leno.
Mme Hlabano a re tshenyo e, e ntsi e bile e aname le lefatshe la Botswana, mme a supa fa e bonala segolo bogolo mo maphateng a puso, makalana a a ikemetseng ka nosi le a puso e nang le seabe mo go one.
A re se se nankotsweng ke mokwaledi wa khansele ya toropo ya Francistown, Rre Lebuile Israel ka tse di diregang mo khanseleng ya gagwe, le bone e le ba ofisi ya twantsho tshenyetso setshaba ba di lemogile.
Rre Israel a re o itumeletse tiro e ntle e e dirwang ke ofisi ya twantsho tshenyetso setshaba ka go lemotsha setshaba ka tshenyetso setshaba e e diragalang letsatsi le letsatsi gonne fa gongwe dilo dingwe ba kgona go di dira, mme ba sa lemoge gore ba dira tshenyetso setshaba.
O tsweletse a bolela fa go na le dikgang tse di tshwenyang mo khanseleng mme a supa fa di batla go tsewa ka tlhwaafalo. A re mo khanseleng, ba lemogile gore go na le dikgang tsa tshenyetso setshaba tse di amanang le Ipelegeng ka go duelwa batho ba ba sa tlholeng ba bereka, a tlatsa ka gore dinako tse dingwe bangwe ga ba iponatse mo tirong mme e re fa go setse go amogelwa batho ba go nna jalo ba amogele.
O tlhalositse gore maikaelelo a Ipelegeng ke go duela ba ba berekileng fela, a re bangwe ba kgona go kgaogana madi a Ipelegeng ka bo bone mme go sena yo o a bereketseng.
Rre Israel a re tshenyetso setshaba e nngwe ke ya ka fa kapeing, a re ba gogela kobo ntlha e le nngwe fela mme a re le tsone diphaphatha tse di apewang ga se tsa maemo a ntlha.
O tsweletse a re ba bone go tshwanela gore ba kabe diphatlha ka go thapa motho yo o apayang ngwaga otlhe go na le dibeke tse pedi ka gore ene motho yoo o nna a boelela fela a le nosi. Mokwaledi a re batshwara madi bogolo jang mokwaledi le modulasetilo, ba kgona go ikadima madi a setshaba, mme a supa fa go dira jalo ba bulela mathata.
O ba gakolotse gore madi ao ke a setshaba, jalo a tlhokana le tlhokomelo e e kwa godimo. Rre Israel o kopile maloko a dikomiti go tshwaragana le makalana a puso mo dikgannyeng tsa ditsha tsa SHHA, a tlhalosa fa di rekisiwa ka tsela e e gakgamatsang.
O kopile setshaba go dirisana le bone fa ba sekaseka ditsha tsa SHHA go bona gore a di na le ditlankana. Rre Israel a re ba tsweletse ka go leka go bona gore ba ka tokafatsa jang dikgang tsa tshenyetso setshaba mme a supa fa di batla tshwaragano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : FRANCISTOWN
Event : Bokopano jwa lephata le dikomiti tsa ditlhabololo
Date : 17 Jul 2014