Breaking News

Puso ga e kgetholole ope - Senai

17 Jul 2014

Mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho, phathi e e fentseng ditlhopho e tshwanetse go direla Batswana ditlhabololo ka tekatekano go sa sokamelwe ntlheng epe ya sepolotiki.

Go buile jalo modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Moatshe Senai, fa a tsibogela ngongorego ya mokhanselara wa kgaolwana ya Mosolotshane/Moralane, Rre Mogalakwe Mogalakwe yo o neng a re puso e direla batho ditlhabololo e lebile gore mapalamente le makhanselara a dikgaolo tseo ke ba diphathi dife tsa sepolotiki.

Rre Senai a re mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho, phathi e e neetsweng boikarabelo jwa go tsamaisa merero ya lefatshe ka tlhopho, e tshwanetse go direla dikgaolo ka tekatekano go sa kgathalesege gore bangwe ba ne ba tlhophile diphathi tsa kganetso kana mapalamente a phathi e e busang.

E ne e rile go le pele mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Rre Senai, molaodi wa Mahalapye, Rre Bakuedi Masole le mokwaledi wa khansele ya Mahalapye, Rre Motlogelwa Thuso kwa Moralane le Mosolotshane, Rre Mogalakwe a kgalela puso go aba ditiro tsa ditlhabololo ka go sokamela  kwa dikgaolong tse di gapilweng ke mapalamente a phathi e e busang.

Rre Senai yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana  ya Herero o kopile makgotla a ditlhabololo gammogo le dikomiti tsa badirelapuso go dirisana mmogo gore ba kgone go tsweledisa ditiro tsa metse e ba direlang mo go yone ba sa kgorelediwe ke sepolotiki

Mokwaledi wa khansele, Rre Thuso ene  o kgothaditse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo go rotloetsa batho ba ba thapilweng mo Ipelegeng go dira tiro ya bone ka boineelo le bokgabane go na le go tlhola ba robetse ka fa tlase ga ditlhare ntswa khansele e ba duela.

Mabapi le tlhaelo ya boroko jwa barutabana kwa sekoleng se se botlana sa Moralane, Rre Thuso o tlhalositse fa puso e thapile konteraka mme tiro ya go aga matlo a boroko jwa barutabana le matlwana a borutelo kwa dikoleng tsa Moralane, Mokgenene le Setlhomo kwa Otse e tsweletse .

Mogolwane wa lephata la banana, metshameko le ngwao, Rre Thulani Caiphas ene o boletse fa puso e abetse kgaolo nngwe le nngwe ya botlhophi P2 million yo o ka dirisiwang ke banana go simolola dikgwebo tse ba ka itokafaletsang matshelo ka tsone le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko.

Fa a latlhela la gagwe, molaodi wa Mahalapye, Rre Masole o boletse fa maikaelelo a diphuthego tseo e le go tlhalosetsa setshaba ka mananeo a puso le ditirelo tse ba ka di bonang mo maphateng a bone gammogo le go tsosolosa dikomiti tsa badirelapuso mo Mahalapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng le Atang Mosinyi

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 17 Jul 2014