Go inosa ka nkgo go ka fokotsa lehuma
16 Jul 2014
Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Mme Kene Mololwane, a re Batswana ba tshwanetse go tsosolosa mowa wa boipelego o ba itsegeng ka one go tswa goo-lowe.
E rile a bua kwa motseng wa Lepashe mo letsatsing la go isa ditlamelo kwa bathong, Mme Mololwane a bolela gore fa Batswana ba ka tsosolosa mowa wa boipelego, go ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba tshelelang mo lehumeng le gone go ikaega thata ka puso.
Mme Mololwane a re e re ntswa puso e lebanwe ke kgwetlho ya kwelo tlase ya itsholelo, e leka ka bojotlhe gore mananeo, a maikaelelo a one e leng go ka tokafatsa matshelo a Batswana, a tswelele.
A re mananeo a tshwana le a nyeletso lehuma, LIMID, ISPAAD le a mangwe ka go farologana, ke maiteko a puso go rotloetsa Batswana go a dirisa go ipelega go fokotsa morwalo le ‘bo atlhama ke go jese’.
O tlhalositse gore go itshupa fa bangwe Batswana ba tshelela mo lehumeng ka jaana ba nyafalela mananeo, bangwe ba nna boitseme fa bangwe bone ba itlhoboga fa mananeo a ba a tsereng a lebanwa ke dikgwetlho.
Go sale foo, Mme Mololwane a re maikaelelo a go bo khansele potlana ya Tutume e isa ditirelo kwa bathong, ke go rotloetsa gore setshaba se fiwe ditirelo le dithuso tsa boleng jo bo kgatlhisang gape di le maleba.
A re seno se ka dira gore setshaba se nne le tshepho mo bodireding fa ba-na-le seabe ka go farologana ba ka dira mmogo.
Mme Mololwane a re go tlhoka go thusa setshaba ka botho le nako e e solofetsweng go ka diga seriti sa maphata.
O bile a kgala a menne phatla bangwe badirela puso ba ba gogang dinao fa ba tshwanelwa ke go thusa setshaba, a supa fa mokgwa oo e le one o o tsalang maduo a a sa itumediseng.
Mothusa mokwaledi gape o gakolotse setshaba gore fa ba na le dingongora, ba tshwanetse go sala tsela e e maleba morago gore dingongorego tsa bone di arabiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Letsatsi la go isa ditlamelo kea bathong
Date : 16 Jul 2014