VMSAC e lwantsha mogare
16 Jul 2014
Village Multi-Sectorial AIDS Committee (VMSAC) kwa kgaolong ya Ngami, e eme ka dinao go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS gammogo le kgokgontsho ya batho ba ba nang le mogare.
Mogokaganyi wa HIV/ AIDS mo kgaolong ya Ngami, Rre Shathiso Daki e rile a bua mo thuto puisanong kwa motseng wa Chanoga bosheng, a tlhalosa gore le ntswa go tswa kgakala go buiwa ka HIV/AIDS lefatshe ka bophara, dipalo tsa batho ba ba latlhegelwang ke matshelo di ya magoletsa jalo puso e tsere tshwetso ya go tlhama dikomiti mo metseng ka go farologana, go akaretsa setshaba mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare le bolwetse jwa AIDS.
Rre Daki a re komiti ya VMSAC e e akaretsang dikgosi tsa motse, badirelapuso, dikompone tse di ikemetseng ka nosi, dingaka tsa setso le banni ba motse e itebagantse le go lwantsha kanamo ya HIV/ AIDS gammogo le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo.
A re komiti e, e dirisa setshaba ka e le sone se itseng matshelo a batho le tse di bakang kanamo ya mogare mo metseng ya bone. Rre Daki o gateletse gore komiti e ka kgona maitlamo a yone a go ruta setshaba ka bodiphatsa jwa HIV/AIDS fela fa ba-tsaya karolo botlhe ba ka tshwaragana ba nna moono mongwe e bile ba dira tiro ka manontlhotlho.
Fa a tswa la gagwe, kgosi ya Chanoga e bile e le modulasetilo wa komiti eo, Kgosi Oatleng Setlhodi a re komiti ya gagwe e eme ka dinao go lwantsha kanamo ya mogare le go fitlhelela maitlamo a lefatshe leno a gore e re ka 2016, go bo go sena dikgang dipe tse di sha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare kgotsa ba tlhokafala ka ntata ya HIV/AIDS.
Kgosi Setlhodi o tsweletse ka gore ba tshwentswe thata ke tiriso botlhaswa ya nnotagi mo motseng wa gagwe, a supa fa seemo se e le sone se se bakang koketsego ya mogare, mme a re ba leka ka tsotlhe go se laola ka go rutuntsha setshaba le bagwebi ba nnotagi ka bodiphatsa le ditlamorago tsa nnotagi mo matshelong a batho.
Kgosi Setlhodi o phophotha komiti ya gagwe legetla ka o bolela fa go supega fa dithuto ka mogare wa HIV di tsweletse sentle gonne dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobelang mogare di a oketsega.
O kgothaditse borre go sa nne maoto a tshupa go tsaya ditshwetso ka botsogo jwa bone le ba malwapa a bone, mme a ba rotloetsa go dira loaro la borre ka le ka ba sireletsa mo go tsenweng ke malwetse a dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ame Ketlogetswe
Location : MAUN
Event : Thuto-puisano
Date : 16 Jul 2014