Breaking News

Balemi ba gakololwa go rekisa thobo

16 Jul 2014

Balemi ba  kgaolo ya Bobonong bokone ba kopilwe gore ba seka ba baya thobo ya bone mo malwapeng mme ba e  rekise go bona dipoelo.

E rile a bua mo moletlong wa go ipelela thobo kwa Bobonong bosheng, molemi wa Palapye, Rre Frank Rabalone a tlhalosa fa go le botlhokwa gore e re pele ga balemi ba lema ba itse gore mmaraka o tlhoka thobo efe.

Rre Rabalone a re  fa temo e bapisiwa le mohama wa thuo e supa fa  ele bogadi bogaufi  fela thata. 

O rotloeditse balemi go dirisa methale e e maleba ya temo le go reetsa dikgakololo tsa balemisi, a bo a ba kgothatsa go tlhatlhoba mebu ya masimo a bone le go dirisa dipeo tse di tlhatlhobilweng ke baitseanape.

Molemisi Rre Tlotlo Keotswetswe a re balemi ba tshwanetse go lemolola go baakanyetsa temo e e latelang, a supa fa go dira jalo go fokotsa malwetse, diji gape go thusa mmu go tshwara bokgola. 

Rre Keotswetswe a re balemi ba ka dirisa digogi jaaka ditonki go lemolola eseng gore ba emele diterekere go ba thusa.

O tsweletse a re ofisi ya bone e amogela dingongorego tse dintsi go tswa mo baleming tsa gore ga ba lemelwe sentle ke diterekere dingwe. Rre Keotswetswe o rotloeditse balemi go emisa diterekere tse di dirang jalo go na le go tlogela di fetsa ditema tsotlhe.

A re maikaelelo a lenaneo la ISPAAD ke go ntsha maduo ka jalo puso e ka le emisa nako nngwe le nngwe fa e bona le sa dirisiwe sentle. A re ngwaga le ngwaga ba ruta bakgweetsi ba diterekere go lemela balemi sentle jalo dingongorego tse di tshwanetse go fokotsega.

Fa ba tswa la bone balemi ba ngongoregile ka diterekere tse di sa itekanelang mme e bile  bakgweetsi bangwe ba sa itse go dirisa megoma ka jalo go ba senyetsa masimo.

Modulasetilo wa komiti ya balemi ba Bobonong Bokone, Rre Balotlhanyi Dintwa a re balemi ba kgaolo eo ba ne ba tsentse letsogo mo temong ya paka e e fetileng fela thata mme e bile bontsi bo inaakantse le go lema ka ditselana.

Tiro e ne e rulagantswe ke balemi ba Bobonong Bokone ba masimo a a latelang; Matsaganeng, Ntsakateng, Mosung, Lekomotong, Ntshimanyana, Mmadikgopa, Mmamanaka, Moshokgo, Sekgoptswe/Mmaditshwene, Keisane, Thakadiaawa le Lepokole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Moletlo wa go ipelela thobo

Date : 16 Jul 2014