Breaking News

Paakanyo ya dikago e tsweletse

16 Jul 2014

Mokhanselara wa Chadibe/Borotsi kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami a re dipaakanyo tsa tsela le diofisi tsa puso tse di neng di sentswe ke pula le phefo ngogola kwa metseng eo di tsweletse.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Gabautwe Maboka a bolela fa pula ya ngogola e sentse tsela e e tshwaraganyang metse e mebedi eo, a tlatsa ka go re e ne ya ba ya rutlomolola matlo a borutelo le ofisi ya barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Thabakanaka kwa Borotsi.

Rre Maboka a re puso e setse e kgonne go dira go le gontsi go busetsa seemo mo maemong ka mo nakong eno ba emetse go epiwa ga mesele ya metsi le letamo fela. 

O boletse fa metsi a mantsi a a tshelang ka nako ya dipula a baka morwalela ka jalo a tlaa kgona go feta ka mesele eo a ya kwa letamong gore batho ba tle ba kgone go a dirisa. 

A re tona wa tsa mesepele le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi o setse a kile a ba etela go tla go lekola seemo mme a tlhalosa fa tiego ya go epa letamo le mesele ya metsi e bakwa ke tlhaelo ya madi.

Mokhanselara Maboka o boletse gore seemo sa go tlhaselwa ke morwalela e ne e se lantlha se ba diragalela gonne  ka 2010 ba ne ba tlhaselwa gape mme ga seka ga dirwa sepe se sentsi go tokafatsa seemo.

Kgosi Asekeng Rabojang wa Chadibe o supile fa a lemogile gore ka nako ya morwalela masimo ke one a a amegang thata ka metsi a mantsi a gogola dijalo. 

O bolela fa a lebogetse mogopolo wa kago ya letamo ka gonne a re metsi a tla a laolesega go itsa tshenyo.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Thabakanaka Israel wa Borotsi ene o galaleditse mogopolo wa letamo ka a re gantsi fa pula e nele thata metsi a mantsi a ema fela fa gare ga motse go sena kwa a tswelang teng. 

A re mme seemo seo se ama thata dipodi le dikoko ka di felela di fekeediwa ke metsi di bo di e swa. Kgosi o kopile puso go direla morafe fa o ka tlolang teng fa pula e nele gonne ba sokola thata ka metsi a kgona go kgoreletsa mesepele ya bone.

Mongwe wa ba malwapa a a neng a amegile ka nako ya morwalela, Rre Bonang Ratsie wa kgotla ya Sekote kwa Borotsi, o supile fa a eletsa gore ba fudusiwe ka lelwapa la bone le ema metsi a mantsi ka nako tsa dipula. 

Rre Ratsie a re morwalela o o fetileng o ne wa ba tsenelela mo ntlong mme wa senya didirisiwa tsa madi a a ka tshwarang P40 000, a tlatsa ka gore o ne wa ba bolaela dipodi le dikoko tota. 

 Le fa go ntse jalo, o boletse fa Tautona a ne a ba thusa ka dijo le dikobo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : LERALA

Event : Potsolotso

Date : 16 Jul 2014