Lekgotla le abela bana
16 Jul 2014
Moeteledipele wa lekgotla la AAP Home Based Care, Mme Martha Rampa a re go botlhokwa go lemoga gore paka ya mariga e botlhoko fela thata mo baneng.
Fa a abela bana ba ba kobo dikhutshwane ditlhako kwa Mogonono le Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng bosheng, Mme Rampa o boletse gore mo nakong eno lekgotla la gagwe le itebagantse thata le go thusa bana le bagolo ba ba nang le botlhoki ba feta dikete tse pedi mme ba ntse ba oketsega letsatsi le letsatsi.
A re ba thusa bana kwa metseng e e farologaneng ya Kanye, Serinane, Mantshwabisi le Old Naledi kwa Gaborone. A re le fa metse ya Hatsalatladi le Mogonono e ne e seyo mo lenaneong la bone, ba bone go le maleba gore ba thuse bana ba ka gore ba itse botlhoko jwa serame mo baneng.
E rile a tswa la gagwe, Mme Jean Jones wa Crossgold Services a re e ne ya re morago ga go utlwa mokgosi ba ikgolaganya le barwarrabo kwa Amerika ba Shoes for Orphan-Souls gore ba ba thuse ka ditlhako. A re bone, Debonairs le Jones’ Accounting ba ne ba kokoanya P30 000 go duelela sepagamo sa ditlhako go tswa Amerika.
Mme Jones a re ba kereke ya His People Ministries le bone ba ne ba seka ba ipona tsapa go tsenya letsogo mo tirong e, a tlatsa ka gore ba ntshitse madi a a dirisitsweng go reka ditlhako go tlatsa tse di neng di tswa Amerika.
O boletse fa ba itumelela go dira tiro e ka gore e supa maikarabelo a bone e le dikompone mo setshabeng.
Tiro e ne e rulagantswe ke monni wa Hatsalatladi, Rre Kolana Kolana yo a boletseng gore e rile go lemoga letlhoko mo motseng wa ga gabo le e e mabapi, a ikgolaganya le ba AAP Home Based Care. BOPA
E ne ya re morago ga go abela bana ditlhako, lekoko la leba kwa merakeng ya Mmathobola go bapa le Hatsalatladi kwa ba neng ba abela banni dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : GABORONE
Event : Kabo dimpho
Date : 16 Jul 2014