Ipabalelo tseleng e botlhokwa mo baneng
15 Jul 2014
Mogolwane wa thibelo dikgobalo wa Motor Vehicle Accident Fund (MVA) Mme Kwenantle Otukile o kgothaditse bagokgo ba dikole tsa Boteti go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng.
Mme Otukile o dirile kgothatso e kwa thutopuisanong ya go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng ya dikole tsa Boteti kwa Letlhakane ka Labotlhano, a supa fa mekgatlho e ele botlhokwa ka e ruta bana ka ipabalelo tseleng.
Mme Otukile a re se ba se dirang ke go itebaganya le motho ka jaana koloi ka nosi e se na motho mo teng e ka seka ya dira kotsi. Are maikaelelo a bone ke go itepatepanya le seemo sa go hema dikotsi tsa tsela, a re dikgwetlho tsa dikotsi le kgobalo di dintsi.
Mme Otukile o tlhalositse fa lengwe la mananeo a bone ele go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, are ba na le lenaneo la go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng ka jaana ba lemogile gore bana ba tlhaela kitso ka ipabalelo tseleng, mme e bile e le bone ba angwang thata ke dikotsi seemo se a reng se a tlhobaetsa.
Mme Otukile o ne a leboga bagokgo ba Boteti go bo ba batla go simolola mekgatlho e, are se se supa fa ba kgathala ka bana, ebile ele ba tsaya karolo mo ipabalelo tseleng ,o bile are o solofela gore batla ya go diragatsa lenaneo le, le e tla reng morago ba bone mosola wa lone.
O ne a ba kgothatsa go tlhopha setlhopha sa ba na le seabe ba ba akaretsang batsadi, barutabana,mapodisi ba lephata la ipabalelo tseleng le bana ba le babedi ele ba ba tsamaisang mekgatlho e.
One a ba kopa go inaakanya le komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti go ithuta le go tsaya malebela mo go yone gore batle ba kgone go atlega ,a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba dira lenaneo la megopolo ya e baikaelelang go e diragatsa.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Motsumi, Rre Mathumo Sechele o supile gore le bone ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di amang bana mo kgaolong ya Boteti , selo se a reng ke sone se ba gwetlhileng go kopa thuso kwa MVA. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Thuto puisanyo
Date : 15 Jul 2014