Mapodisi a Selebi Phikwe a tshwere mmelaelwa
15 Jul 2014
Mapodisi a Selebi Phikwe a tshwere mme mongwe yo go belaelwang e le ene a tlhorontshang batho, segolo jang bomme ka go ba utswela dibeke mo marekisetsong a a farologaneng.
Go bolelwa fa mme yoo, a tsietsa batho ka go ba kopa gore ba itekanye mesese mengwe mo marekisetsong a ba raya a re fa mosese o ka lebega bontle mo go yo o apereng o tlaa o reka.
Fa ba sena dumalana legodu leo le kopa go tshwarela motho yo o yang go itekanya beke kana dithoto. E re fa mme yoo a sa ntse a ile go itekanya, mmelaelwa a nyelele ka dithoto.
Mo potsolosong bosheng, Superintendant Nlebesi o tlhalositse fa dikgang tsa go tseela batho di-tsa bone di simologile ka 2008 mme go diragala mo mafelong a a farologaneng jaaka Palapye, Gaborone, Serowe le a mangwe.
Superintendant Nlebesi o tlhalositse fa mmelaelwa a itebagantse thata le bomme ba ba tswang mo dibankeng mme a ba sale morago go tsena kwa marekisetsong kwa a tlaa ba tsietsang teng.
Superintendant Nlebesi o tlhalositse fa batho ba le bantsi ba tseetswe dikete.
O tlhalositse fa mapodise a Serowe ba le mo ditlhotlhomisong tsa kgang e mo go yone ngwana mongwe a tseetsweng ke mme mongwe dilwana gone kwa Serowe mme ba e golaganya le mmelaelwa yo o mo Selebi Phikwe.
Superintendant Nlebesi o tlhalositse fa e rile ka nako ya dijo tsa motshegare ka Labone ga goroga segopa sa batho kwa diofising tsa sepodise mo Selebi Phikwe ba tsisitse mmelaelwa yo mongwe a tlhalositseng fa a mo tseetse beke beke e e fetileng ka tsela e go tsieditsweng ba bangwe mo marekisetsong ka yone.
Rre Nlebesi o tlhalositse fa ba sa ntse ba tshegeditse mmelaelwa fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse, a re ba sa ntse ba ikgolaganya le mapodise a mafelo a mangwe a dikgang tse di tsamaelanang le tsa go tseelwa dilwana di utlwalang teng.
Mo go tse dingwe, Superintendant Nlebesi o supile fa toropo ya Selebi Phikwe e sa ntse e rena kagiso ka jaana go ne go tshwerwe dikgaisano tsa dibolo tsa bana ba dikole ka go farologana, mme ba sa begelwa melato epe.
Superintendant Nlebesi o kopile setshaba go ipabalela mo ditseleng jaaka malatsi a ga Tautona a goroga.
O rotloeditse ba ba tsamayang go laela baagisanyi le go tlogela dinomoro tsa megala gore fa go na le mathata ba kgone go ba itsese.
O tlhalositse fa malatsi a go nna jaana e le one a dirukutlhi di senyang ka o ne.
O tlhalositse fa le mapodise ba tlaa bo ba boloditse letsholo ba le mo ditseleng go laola seemo.
A kopa bakgweetsi gore ba seka ba kgweetsa ba nole ka gonne ba ka baka dikotsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 15 Jul 2014