Breaking News

Maano ga a site...

14 Jul 2014

Mme Margret Edwin wa dingwaga tse di masome matlhano le boferabongwe, ke mongwe wa ba ba sa nnang fela ka matsogo go letela puso go ba ogola mo isong.

O dira ka bojotlhe go bona gore ba lelwapa la gagwe ga ba lale ba sa bona sepe se se yang maleng. 

Mo potsolotsong bosheng, Mme Edwin o tlhalositse fa a dirisa polaseteke go loga dilo tse di farologaneng di akaretsa mealo, dibeke, ditlhoro, ditlatlana le  mekgabisa.

A re e re ka e le motho yo o godileng a rata bophepa, o ne a tshela ka go sela dipolaseteke mo tikologong e a neng a nna mo go yone, a di kgobokanyetsa, mme yare moragonyana a bona fa di ka mo tswela mosola segolo jang ka botshelo bo ne bo le thata. 

O tsweletse a re o simolotse ka go ithuta go loga mealo e mennye a e rekisa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ka a ne a ise a tshware go loga sentle jalo  a kgona go ithusa ka matsana ao.  O tlhalosa fa a ne a tshwanelwa ke go boela gae kwa Butale ka botshelo jwa toropo bo ne bo le bokete mme a feta a tsweledisa tiro ya gagwe ya diatla ka ba gaabo ba ne ba mo amogela ka atla tsoo pedi. 

A re le ntswa a ne a bona thotloetso kwa gae,  o ne a sokola go bona dipolaseteke fa e se fela a di latela kwa Francistown, selo se se neng se mo ketefalela. 

Mme Edwin a re mo nakong eno o tsweletse sentle ka a kgona go dira makgolo a matlhano a dipula mo bekeng ka mealo fela. 

O supile fa go tlhoka dipolaseteke go buseditse kgwebo ya gagwe kwa morago fela thata ka a sa tlhole a kgona go ijesa sentle jaaka pele, segolo jang ka le ditiro di le thata go bonwa mo magaeng. 

A re o bone go tshwanela go leka ntlha tsotlhe, ka jalo a simolola go batla masalela a matsela mo baroking mmogo le mo diaparong tse di kgologolo go roka mealo.

 O bolela fa   gone go sa tswe tema epe go na le fa a dirisa dipolaseteke ka batho ba ne ba setse ba rata tiro ya gagwe ya dipolaseteke. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 14 Jul 2014