Breaking News

Bana ba tlhoka bokaedi jwa batsadi

14 Jul 2014

Motshwaralela mookamela lekalana la thuto la Botswana Qualifications Authority (BQA), Rre Abel Modungwa o kgotlhadiste barutabana le batsadi ba baithuti ba ba tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Mogorosi go pataganela thuto ya baithuti go ntsha maduo a a kwa godimo.

O buile jalo ka Matlhatso fa a ne a abela sekole seo dikete tse di lesome, dirula, dipena le dikhipara morago ga go tsena mogwantlo wa dikhilomethara tse di lesome o o neng o rulagantswe ke sekole seo go kokoanya madi go bankanyetsa kabo dimpho ya monongwaga.

O tlhalositse fa madi ao a tla dirisiwa go rekela bao ba ba tla bong ba dirile sentle mo go tsa thuto kgotsa metshameko monongwaga e le nngwe tsela ya go ba tiisa moko go tlhwaafalela tiro ya bone jaaka ba tla bo ba phadisanya go nna bo mmampodi mo dithutong tsa bone.

Rre Modungwa yo e neng e le molalediwa wa tlotla wa letsatsi leo o ne a tlhalosetsa botsadi le borutabana gore thuto e e tshwaraganetsweng e ka tlisa diphetogo ka jaana moroto o oesi o sa ele, ka jalo a re go ka se pale sepe gore lefatshe leno le ntshe baithuti ba ba nonofileng le go le isa kwa mankalengkaleng.

A re baithuti ke peo ya lefatshe leno, ka jalo ba tlhokana le thotloetso ya botsadi le barutabana go ba rotloetsa go nosetsa peo e go tsholetsa lefatshe gammogo le go tswakanya itsholelo.

A tlatsa gape ka go tlhalosa fa babusi ba kamoso ba lefatshe leno e le bone baithuti ba.

“Bokamoso ke thuto. Re tshwanetse go rotloesa baithuti re le seopo sengwe gore ba tseye thuto ka tlhwaafalo e le tsela e e faphegileng go ba betlela tsela ya botshelo” a bua jalo Rre Modungwa.

O ne a tswelela gape ka go lemotsha batsenelela mogwantlo oo gore mo bogompienong puso e tlhapolotse letsogo go tokafatsa matshelo a Batswana ka go ba isa dikoleng.

Ka jalo, a gakolola batsadi go nna kelotlhoko go bona gore bana baya dikoleng.

A tlatsa ka go bolela fa se e le nngwe tsela ya go fitlhelela maikaelelo a matshego a tebelopele ya 2016 a gore re bo re le tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso.

E ne ya re go le pele fa mogokgo wa sekole seo Mme Josephine Madikwe a amogela baeng a tlhalosa fa le ntswa sekole sa gagwe se le sebotlana ka ditlhopha tsa matlwana a marataro se dira mo go nametsang fa go tla mo go tsa thuto le metshameko.

A tlhalosa fa jaana setlhopha sa soft ball se tla emelela mo nakong e e sa fediseng pelo go ya go emela kgaolo ya Legare kwa dikgaisanyong lefatshe ka bophara kwa Gaborone. A tlatsa gape ka go tlhalosa fa setlhopha sa Junior Achievements Botswana sone se tla emela lefatshe leno kwa Australia go dira jeme.

Mme Madikwe o ne a supa fa tse tsotlhe ba atlega ntateng ya tshwaragano e e kwa godimo ya bodiredi jwa sekole gammogo le boitshwaro jwa baithuti jo a kaileng e le jo bo eletsegang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Kabo ya dimpho

Date : 14 Jul 2014