Botshwakga bo jesa leswe
14 Jul 2014
E re le ntswa puso e ntshitse mananeo go thusa banana go inamola mo lehumeng le letlhoko la ditiro, go santse go na le bangwe ba ba itlhokomolositseng se mme ba inaakantse le go dira ditiro tse di sa eletsegeng mo setshabeng.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Machaneng mo kgaolong ya Legare bosheng, mogolwane go tswa mo ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Mahalapye, Rre Thulani Caiphas o boletse gore banana ke bone ba bantsi mo lefatsheng leno ka jalo ba amilwe thata ke letlhoko la ditiro, ke ka moo puso e boneng go tshwanela gore e ba thuse ka mananeo a a ka ba ntshang mo mebileng.
Rre Caiphas a re mo kgaolong e a e okametseng, go supa fa borukutlhi jwa banana bo le kwa godimo fela thata, selo se a reng se a tshwenya.
A re bangwe ba banana ba simolola boitshwaro jo bo makgasa fa pele ga batsadi ba bone kwa malwapeng ka kapari, go loga meriri le go rwala manyena mo go dirwang ke banana ba basimane le go ipitsa maina a a sa tlwaelesegang, a supa gore fa ba setse ba tswetse kwa ntle gone ba dira go tlala ka diatla.
Rre Caiphas o rotloeditse batsadi go gagamaletsa bana ba bone molao ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. O gakolotse banana go ikgapha mo lenaneong la Ipelegeng ka le sa ba lebagane, a tlhalosa gore ke la morafe wa motse o o sa lebaganwang ke mananeo a banana le a mangwe.
O boletse fa puso e atolotse letsogo ka go fa banana sebaka sa go inaakanya le tsa bodiragatsi jaaka meopelo le poko ba bo ba atswiwa.
Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi ya Machaneng, Rre Shadrack Sarona le ene o supile fa boitshwaro ja banana bo dule mo taolong gotlhelele, a supa fa e rile bosheng ba letsa moretlwa e se ka maikaelelo.
Kgosi Sarona a re se se swabisang ke gore bana ba ba neng ba otlhaiwa ke ba dikole tse di potlana ka jalo ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. A re bana bao, ba ne ba dira ditiro tse di bosisi mo baneng ba bangwe e bile ba ipitsa balatedi ba ga saatane.
O supile gore se se makatsang ke gore bana bao ba ne ba sena tlhong go bua ditiro tsa bone fa pele ga batsadi. Kgosi a re o lebogetse batsadi ba bana bao go tshwaragana le bogogi jwa motse go laola seemo se ise se bife. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Jul 2014