Ipabalelo tseleng e botlhokwa
14 Jul 2014
Mogolwane wa thibelo dikgobalo wa (Motor Vehicle Accident Fund) MVA Mme Kwenantle Otukile o kgothaditse megokgo ya dikole tsa Boteti go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikolong.
Mme Otukile o dirile kgothatso e ko thutopuisanong ya go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng ya dikole tsa Boteti ko Letlhakane ka Labotlhano, a supa fa mekgatlho e ele botlhokwa ka e ruta bana ka ipabalelo tseleng
Mme Otukile a re se ba se dirang ke go itebaganya le motho ka jaana koloi ka nosi e sena motho mo teng ka seka ya dira kotsi. A re maikaelelo a bone ke go itepatepanya le seemo sa go hema dikotsi tsa tsela, a re dikgwetlho tsa dikotsi le kgobalo di dintsi.
Mme Otukile o tlhalositse fa lengwe la mananeo a bone ele go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, a re ba na le lenaneo la go simolodisa mekgatlho ya ipabalelo tseleng mo dikoleng ka jaana ba lemogile gore bana ba tlhaela kitso ka ipabalelo tseleng, mme e bile e le bone ba amiwang thata ke dikotsi seemo se areng se a tlhobaetsa.
Mme Otukile o ne a leboga megokgo go bo ba batla go simolola mekgatlho e, are se se supa fa ba kgathala ka bana, ebile ele ba tsaya karolo mo ipabalelo tseleng ,o bile are o solofela gore batla ya go diragatsa lenaneo le, le e tla reng morago ba bone mosola wa lone.
Mme Otukile one a ba kgothatsa go tlhopha setlhopha sa ba na le seabe ba ba akaretsang batsadi, barutabana,mapodisi ba lephata la ipabalelo tseleng le bana ba le babedi ele ba ba tsamaisang mekgatlho e.
One a ba kopa go inaakanya le komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo ya Boteti go ithuta le go tsaya malebela mo go yone gore batle ba kgone go atlega ,a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba dira lenaneo la megopolo ya e baikaelelang go e diragatsa.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Motsumi Rre Mathumo Sechele o supile gore le bone ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di amang bana mo kgaolong ya Boteti , selo se areng ke sone se ba gwetlhileng go kopa thuso ko MVA .
Rre Sechele are maikaelelo a bone ke go bona bana ba nna le kitso ka ipabalelo tseleng ,ka jalo a re lenaneo le la go simolodisa mekgatlo ya ipabalelo tseleng mo dikolong le tla thusa thata ka bana ba ba mo mekgatlong e batla ruta ba bangwe ka ipabalelo tseleng,are dikoloi di dintsi gompieno ka jalo dikotsi le tsone di golela Pele, a tlatsa ka gore go latlhegelwa ke ngwana a le monngwe mo kotsing ya tsela ke tatlegelo e kgolo.
Modulasitile wa komiti ya ipabalelo tsele ya kgaolo ya Boteti rre Bahithi Keiphokotse one a ba tlhalosetsa gore komiti ya ipabalelo tseleng e bereka jang ,le mananeo a ba nang le one a go ruta bana le setshaba ka kakaretso a ba batlang go a diragatsa mo kgaolong.
Rre keiphokotse a re go nowa bojalwa phetelela ,dikolio le tsone di tsamaya ka lebelo le le ko godimo mo motseng wa Letlhakane ka jalo dikotsi le tsone diile magoletsa tse ebileng di ama bana le batsamaya ka dinao.
O ne a re o solofela gore ba ba neng ba tsene thuto puisano e batla ya go kgaogana kitso e ba e amuleng le ba bangwe gore ba tle ba kgone maikaelelo a bone a go anamisa thuto ya ipabalelo tseleng mo baneng ba dikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latia
Location : LETLHAKANE
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 14 Jul 2014