Ba lebogela puso go fokotsa ditlhwatlhwa
14 Jul 2014
Puso e lebogetswe go fokotsa ditlhwatlhwa tsa dijo tsa dikgomo ka nako ya leuba.
Seo se supile ke barui ba meraka ya Polokabatho mo kgaolong ya Kgatleng fa ba le mo thuto puisanong e e neng e rulagantswe ke ba lephata la Agribusiness bosheng.
Motshwarelela modulasetilo wa Polokabatho Syndicate, Rre Stephen Tau a re ba gatetse pele mo merakeng ya bone ka ntlha ya lenaneo la LIMID, ka ba nosa motlhofo mo masakeng.
Le fa go ntse jalo, o supile matshwenyego ka go tlhoka go kentelwa dikgomo a tlhalosa fa mo dingwageng tse di fetileng puso e ne ya ba kentela dikgomo mme mo nakong eno go ise go diragale, jalo a kopa ba ba lebaneng go sekaseka ntlha e.
Rre Tau o tsweletse a re o tshwenngwa ke matlhabelo a a mo kgaolong ya bone, a kaya fa baruakgomo ba tsiediwa ka dikgomo tsa bone di rekiwa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. O boletse fa se, se bakiwa ke gore BMC ga e sa tlhole e reka dikgomo tsa bone jaaka pele.
O tsweletse a re leruo la bone mo kgaolong eo le gola fela sentle le fa go le leuba mme sebe sa phiri ke go tlhoka phulo, mo go dirang gore ba palelwe le ke go rua dipudi.
Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng la Agribusiness, Rre Boweditswe Masilo o kopile baruakgomo go ema ka dinao go tlhokomela leruo, a tlhalosa fa thuo ya dikgomo mo lefatsheng leno e le yone konokono, mme fa e ka wela tlase, lefatshe leno le tla a bo le le mo mathateng.
O tsweletse a re tiro ya bone ke go bona gore barui ba rekisa dikgomo tsa bone kae le gone go ba batlela ditlhwatlhwa tse di botoka.
Rre Masilo o rotloeditse barui go ikopanya le ba ofisi ya gagwe ka ba na le boitseanape jwa go ba thusa mo go tsamaiseng ditlhopha tsa bone e bile ba eletsa go bona dikgwebo tsa bone di tsamaya sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Thuto-puisano
Date : 14 Jul 2014