Mebala ga e kganelwe kwa matlhophelong
14 Jul 2014
Mogolwane mo ofising ya ditlhopho go tswa Gaborone, Rre Dintle Rapoo a re motlhophi o gololesegile go tla kwa matlhophelong ka letsatsi la ditlhopho a apere mmala mongwe le mongwe fela go sa kgathalesege gore o tsamaelana kgotsa o tshwana le wa phathi e e rileng, mme fela o sena letshwao kgotsa sekano sepe se se supang phathi nngwe.
E rile a bua kwa dithuto puisanong go tlhagolelela ditlhopho tse di tlang tsela, a tlhalosa gore le koloi e e manegilweng ditshwantsho tsa balatedi ba diphathi kgotsa mekwalo ya diphathi e letlelesega go tsena mo lefelong la matlhophelo go tlisa batho mme fela ga e letlelelwe go ema mo lefelong leo.
Le fa go ntse jalo, mapolotiki a ngongoregetse molao oo ba supa o kare tshetlana eo e ntse e seyo mo molaong wa ditlhopho.
Rre Gaopalelwe Ronalne a re o ipotsa gore ke eng ba itseetse ditshwetso ka go fetola molao o o ntseng o le teng ka gore bone ba itse gore ga go aparwe mmala ope o o tshwanang kgotsa o tsamaelanang le wa phathi epe ka letsatsi la ditlhopho.
A re mme e bile setshaba se setse se tlwaetse ntlha eo go sena mathata ape, jaanong ba tsile go ba tlhakatlhakanyetsa dilo
Rre Rapoo o gwetlhile mapolotiki le setshaba ka kakaretso go bala molao wa ditlhopho le wa lefatshe ka kakaretso gore ba nne le kitso ka yone, le gore ba kgone go tlhalosetsa bao ba tlhokileng lesego la go itse go bala le go kwala.
Bangwe ba ngongoregetse bontlhophang bangwe ba ba ipapaletsang ditlhopho ka dikoloi tsa puso, ba bo ba kopa gore batho ba go nna jalo ba tseelwe dikgato ka ba senyetsa setshaba.
E ne yare a tsibogela ntlha eo, mothusa molaodi wa Okavango, Rre Tshepo Mogojwe a tlhalosa fa molao o sa letle gore didirisiwa tsa puso go akarediwa dikoloi di tseye karolo mo sepolotiking.
A re fa go ka tswa go na le ope yo o dirang jalo, go itsisiwe ofisi ya gagwe.
Rre Mogojwe a re mo dingwageng tse di fetileng, badirela puso ba ba neng ba amogela ka letsatsi ba ne ba letlelesega go tsaya karolo mo sepolotiking, mme ka ntlha e nngwe ba bereka puso, ka jalo yare ka 2008 ga emisiwa.
A re badirela puso botlhe ba laolwa ke molao o o tshwanang o o sa letleleleng modirela puso go tsaya karolo mo sepolotiking.
Mme Christinah Sesinyi wa lekgotla la ditlhopho o boleletse bontlhopang ka ditlhabololo dingwe tse di solofetsweng mo ditlhophong tse di tlang.
A re tsone ke go tlhopha go ya ka go latelelana ga maina a batlhophi, go nna teng ga batho ba ba tla a thusang batlhophi pele fa Ba tsena mo teng e le go leka go fefosa tiro ya tlhopho ka letsatsi leo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : GUMARE
Event : Thuto-puisano
Date : 14 Jul 2014