Breaking News

Bagodi ke teemane

14 Jul 2014

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re o leboga bagolo ba lefatshe leno ka ba dirile go le gontsi gore lefatshe leno e nne se e leng sone.

Tautona Khama o buile se jaaka a ne a kopane le bagodi go ba abela dikobo ka Tshipi kwa kgotleng ya Manamakgotle kwa Mochudi.

A re e tla bo e se setho gore Batswana ba lebale bagolo ka se ba se diretseng lefatshe leno. Tautona Khama o ne a kopa bagolo go ikopanya gore batle ka mananeo a puso e ka ba thusang ka one.

A re mo diphuthegong tse a ntseng a di tshwara, bagodi ba a lela ka jaana go sena mananeo a a ba lebaneng mme ka jalo ba salela kwa morago mo go itireleng.

Tautona Khama a re ba supile fa banana ba tlhokometswe ka mananeo a bone mme bone ga gona sepe se ba ka ithusang ka sone. O ne a kopa gore bagodi ba kgaolo eo ba ikopanye mme ba buisane ka mananeo a ba akanyang gore ba ka thusiwa ka one.

A re fa ba sena go buisana ba ikopanye le molaodi gore a ba gokaganye le ene ba mo etele kwa ofising ya gagwe gore ba supe mananeo a ba bonang a ka ba sologela molemo.

E re dikgang di eme jalo, Tautona o ne a supa fa mo dikgweding tse di tlang, puso e tla dira ditshekatsheko ka mananeo a a lebaganeng le ba-na-le-bogole gore le bone ba kgone go thusiwa ka mananeo a a ba lebaganeng.

E rile go le pele fa Kgosi Segale Linchwe a amogela tautona a supa fa gona le dikgotlana di le tlhano tse di tseetsweng dithata tsa go sekisa (warrant) mme ka jalo ba sokola e bile gape dikgosana tseo dine tsa kgaolelwa madi.

O ne a kopa tautona go ba fa koloi mme e bile e ne a batla ya gagwe ka jaana ba sokola gore ba thuse setshaba mme gape a supa fa ba tshwenyegile ka batho ba ba thubetsang bomme mo tseleng e e yang kwa sekolong se sebotlana sa Linchwe a re o kopa gore go bewe mapodisi go thusa seemo seo.

Kgosi Segale o ne a lemotsha Tautona Khama fa batshwara madi mo dikgaolong ba sokola ka lebaka la dikoloi mme jalo bangwe ba bone ba felela ba pagama dikoloi tse e seng tsa puso mme seo se borai ka dilalome di ka ba a phamolela e bile gape e se yone tsamaiso.

E rile a araba Tautona Khama o ne a solofetsa kgosi gore e tla re ka mosupologo ba sekaseke dikgang tsa gagwe mme batla bona gore ba mo thusang jang mo go tsone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Bosinah Moetlo le ene o ne a kopa tautona gore a ba tswe thuso ka jaana ba filwe setsha mo Matshabe Game Park gore ba age dikago tsa ditso (cultural village) mme ga bana madi le ditsompelo tsa go simolola dikago tseo.

O ne gape a leboga tautona ka jaana a ba etetse e bile le bone bat la amogela dimpho tsa dikobo go tswa mo go ene.

Mme Moelto a re ga ba bolo go nyorelwa go mmona ka a tsamaya mo dikgaolong tse dingwe a abela bagodi mme ba itumetse ka ba kopane le ene.

Tautona o ne a ba abela madi a a kanang ka P10 000 mme a ba solofetsa go tswelela a ba thusa go ya pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jul 2014