Lekgotla le itlama go dirisana sentle le ba botsogo
13 Jul 2014
Maloko a lekgotla la baruti la Minister’s Fraternal kwa Maun ba itlamile go bereka sentle le ba lephata la botsogo ka maikaelelo a go sireletsa matshelo a morafe.
Maloko ao a itlamile jalo mo bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba Ngamiland District Health Management Team (DHMT) go tla go kopanya ditlhogo le lekgotla la baruti go bona gore ba ka nonotsha jang tirisanyo mmogo mo dikgannyeng tsa botsogo.
Modulasetilo wa lekgotla leo, Moruti John Moengwe a re mo nakong e e fetileng ba ne ba kgopakgopetsana le ba botsogo ka jaana go ne go sa supagale sentle gore moono wa bone ke eng.
A re e re ka puso e lemoga seabe sa dikereke, le bone ba bone go le botlhokwa go tshwaragana le ba botsogo ka moono wa go rotloetsa boitekanelo mo setshabeng ka go rera melaetsa ya botsogo.
Moruti Moengwe a re e re le ntswa lekgotla leo le bopilwe ka baruti ba dikereke tse di farologanyeng, moono wa bone o mongwefela wa go lwantsha dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe leno ka thapelo.
A re gantsi ba tshwara dithapelo kwa mafelong a tshwana le dikole, dikgotla le dikokelwana a tlatsa ka gore ba tsenya letsogo gape mo ditirong tsa morafe.
O ne a supa fa lekgotla la bone le thusa ka ditsela tse di farologanyeng a tlatsa ka gore gompieno jaana ba simolotse go baakanyetsa kgwedi ya thapelo ya bolwetse jwa HIV/AIDS.
Moruti Moengwe a re o dumela gore fa ba ne ba na le ofisi, ba ne ba ka dira go le gontsi mme jaanong sebe sa phiri ke gore ga ba na lefelo, ka jalo baruti ba thusetsa fa ba obamang teng. A re baruti bangwe ba rutetswe go fa bogakolodi mme a supa fa ofisi e ne e ka thusa gore morafe o bone ditlamelo motlhofo.
A re mo kgaolong ya Ngamiland, ban a le dikereke di feta 176 mme bontsi di santse di obamela mo malwapeng ka ntlha ya letlhoko la ditsha.
E ne e rile go le pele mogolwane go tswa kwa kokelong ya Letsholathebe, Mme Gasebotho Kedikilwe a supa fa go le botlhokwa go itse gore palo ya dikereke e kae mo kgaolong ka jaana e le ba botsogo ba tlamega go netefatsa gore diphuthego di obamela mo mafelong a a sireletsegileng.
A re ba lebelela dikago le gone gore a matlo a boitiketso a teng e bile a lekanetse go thusa phuthego.
O tlhalosa fa ba sa rotloetse dikereke go obamela mo mafelong a a sa agelelwang, a re seo se baya botsogo jwa phuthego mo diphatseng ka ntlha ya diemo tsa loapi.
O supile fa malwetsi a tshwana le kgotlholo e tona a ka anama motlhofo bogolo jang fa kereke e tsenela mo lefelong le le pitlaganyeng.
Mme Kedikilwe a re go botlhokwa gape gore e le ba botsogo ba itse ditsamaiso le dingwao tsa dikereke ka jaana go le gantsi ba dirisa dikereke go gasa melaetsa ya botsogo.
O ne a tlhalosetsa maloko a lekgotla la baruti ka ditirelo tsa bone le gone go ba nankolela seabe sa bone e le dikereke.
A re dikereke di ka thusa ka dithapelo le bogakolodi mo diemong tse di tshwenyang jaaka balwetse ba bas a ikamogeleng, batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong, boimana jwa banana, dinotagi le ba bas a tseyeng kalafi sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Bokopano jwa lekgotla
Date : 13 Jul 2014