Breaking News

Ba kgothadiwa go tsaya temo jaaka kgwebo

13 Jul 2014

Molemi wa kgaolo ya Palapye, Rre Frank Rabalone, o kopile balemi ba masimo a kgaolo ya Bobonong Bokone go tsaya temo e le kgwebo.

Rre Rabalone o buile seo bosheng kwa tirong ya go ipelela thobo kwa Bobonong. A re temo ke kgwebo e balemi ba tshwanelwang ke go dira ditshekatsheko tsa mmaraka wa thobo ya bone.

A re go botlhokwa gore balemi pele ga ba lema ba itse gore mmaraka o tlhoka thobo efe. Rre Rabalone a re thobo ga e a tshwanelwa go bewa mo malwapeng mme e tshwanetse go rekisiwa gore go nne le dipoelo.

A re temo fa e bapisiwa le mohama wa thuo e supa fa ele bogadi bo gaufi lefa go tsaya sebakanyana go ntsha maduo. Rre Rabalone o rotloeditse balemi go dirisa methale e e maleba ya temo le go reetsa dikgakololo tsa balemisi.

O kopile balemi go tlhatlhoba mebu ya masimo a bone le go dirisa dipeo tse di tlhatlhobilweng ke baitseanape. Balemi ba ile ba etela masimo go rutwa ka mosola wa go lemolola mariga. Molemisi Rre Tlotlo Keotswetswe a re balemi ba tshwanetse go lemolola go baakanyetsa temo e e latelang.

O supile fa go lemolola go fokotsa malwetsi, diji gape go thusa mmu go tshwara bokgola. A re ofisi ya selemisi e amogela dingongorego tse dintsi go tswa mo baleming ba  ba ngongoregang ka diterekere tse di sa ba lemeleng sentle.

Rre Keotswetswe a re balemi ba tshwanetse go emisa diterekere tse di sa ba lemeleng sentle go na le go ba tlogela ba fetsa ditema.

A re maikaelelo a lenaneo la ISPAAD ke go ntsha maduo a supa fa goromente a ka le emisa fa a bona le sa dirisiwe sentle. 

A re ngwaga le ngwaga ba ruta bakgweetsi ba diterekere go di dirisa gore ba lemele balemi sentle.

Rre Keotswetswe a re balemi gape ba ka dirisa digogi jaaka ditonki go lemolola le go baakanyetsa temo.

Fa ba tswa la bone balemi ba supile matshwenyego ka diterekere tse di sa itekanelang ba supa fa bakgweetsi bangwe ba sa itse go dirisa megoma. Modulasetilo wa komiti ya balemi ba Bobonong bokone Rre Balotlhanyi Dintwa a re balemi ba kgaolo eo ba ne ba tsentse letsogo mo temong ya paka e e fetileng a supa fa bontsi bo lemile ka ditselana. Tiro e e ne e rulagantswe ke balemi ba Bobonong Bokone ba masimo a a latelang; Matsaganeng, Ntsakateng, Mosung, Lekomotong, Ntshimanyana, Mmadikgopa, Mmamanaka, Moshokgo, Sekgoptswe/Mmaditshwene, Keisane, Thakadiaawa le Lepokole. Bokhutlo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Tiro ya go ipelela thobo

Date : 13 Jul 2014