Dikoporase di tshwanetse go ikaga sesha
13 Jul 2014
Dikoporase di tshwanetse go itsosolosa gore di kgone go fenya dikgwetlho tse di kopanang le tsone tse di bakang go phutlhama kgotsa go sa direng sentle ga bontsi jwa tsone.
Modulasetilo wa Serowe Marketing Cooperative Society, Rre Moji Moaro o tlhalositse mo potsolotsong fa koporase e tlhamilwe ka maikaelelo a go atametsa maloko a yone ditlamelo tse di amanang le temo-thuo di akaretsa go ba rekisetsa dipeo, didirisiwa tsa temo, melemo ya leruo, le babueledi go thusa barui go rekisa leruo la bone kwa BMC.
A re bone kwa Serowe ba atolositse kgwebo ya bone ka go bula marekisetso a leokwane la dikoloi a a nang le lebenkele, ba aga gape le matlo a ba a hirisang mme ba tsweletse ka go aga fa ba otlelang loruo teng go lo rekisa.
Rre Moaro o tlhalositse fa koporase e na le maloko a le 1032 mme e tlhametse batho ba le 46 mebereko ka go farologana.
O tsweletse a tlhalosa fa dikgwetlho tse di ba lebaneng di akaretsa go kopana le phadisano e e mashetla go tswa mo bagwebing ba bangwe ka e sa tlhole e le bone ba le nosi ba rekisang gonne madirelo a runtse a le mantsi kwa Serowe.
A re maloko ga a sa tlhole a ikanyega ka ba sa reke mo koporaseng ba reka kwa mabenkeleng a sele, a re se, se senya moono wa koporase.
A re go tlhoka mabolokelo go ba itsa go atolosa koporase, ntswa ba na le keletso ya gore ba reke thobo mo baleming.
O boletse fa go tlhaelelwa ke maloko a banana le gone go ba beile ka fa mosing ka jaana maloko e le bagolo mme ba sa tlhole ba le matlhagatlhaga ntateng ya bogodi.
Modulasetilo o tlhalositse fa ba fenya dikgwetlho tsa bone ka go itsosolosa, a tlatsa ka gore dikoporase di tshwanetse tsa nna le letshwao le ba le dirisang go itlhaola mo go ba bangwe, e bile ditlamelo tsa bone di tshwanetse tsa kgatlha leitlho go oka bareki le go lepalepana le phadisano mo bagwebing ba bangwe.
O tsweletse a re ba setse ba tshwere dithuto puisano go itlhabolola mme e bile le puso e ba fa bogakolodi go godisa kgwebo ya bone. Mo go thuseng setshaba, Rre Moaro a re ba itshwaragantse le sekole sa Ranokanyane mo lenaneong la Adopt a School, mme ba ba rotloeditse mo moletlong wa kabo dimpho gape ba tsweletse ka go baakanya tshingwana ya merogo ka go e tsenya matloa.
Modulasetilo o rotloetsa banana go inaakanya le dikoporase go itlhamela ditiro. O ba gakolotse go etela Lephata la Papadi le Madirelo go anywa dithuto ka dikoporase mme a kopa maloko a koporase ya Serowe go ema ka dinao go tsena diphuthego, a bo a ba rotloetsa go tsosolosa boloko ja bone gammogo le go tla go tsaya merokotso ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 13 Jul 2014