Ngwana o kgonwa ke go tshwaraganelwa
13 Jul 2014
Go tlhoka tsebe ga bana mo dikoleng mo kgaolong ya Peleng Bophirima kwa Lobatse go bolelwa bo golela pele ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele ka jalo go tlhokana le tshwaragano e e nitameng go tswa mo ba-tsaya karolong botlhe mo go tsa thuto.
Se, se builwe ke Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Peleng ka Laboraro jaaka ba ne ba le mo thuto-puisanong ya go sekaseka kwelo tlase ya maduo mo dikoleng gammogo le boitshwaro jo bo sa letlelesegeng jwa baithuti ka kakaretso.
Kgosi Itumeleng o boletse gore ngwana ke kgetsi ya tsie o a tshwaraganelwa, jalo a kopa mongwe le mongwe go nna le seabe go itebaganya le seemo sa kwelo tlase ya maduo ka e le kgwetlho ya botlhe.
O tsweletse a tlhalosa fa boitshwaro jwa bana mo dikoleng, kwa malwapeng le mo mebileng bo sa jese diwelang, a tlatsa ka gore bana ga ba ke ba nna le letswalo gore a go na le mogolo gaufi le bone.
O supile fa go tlhoka kgalemo e e tseneletseng ya batsadi, tumelo e e amanngwang le ditiro tsa ga saatane le majalwa a a rekisiwang mo malwapeng e le tshoso e rweleng mo go rotloetseng boitshwaro jo bo maswe jwa baithuti.
Fa a ntsha tekodiso, morutabana wa sekole se se botlana sa Hill School, Mme Tsholofelo Morwe o boletse fa ba tlhokisiwa boroko ke go tlhoka tsebe ga baithuti ka ba dirisa mafoko a a fatlhang e bile ba inaakantse le tsa marato ntswa dingwaga tsa bone di sale kwa tlase.
Morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Oteng John o boletse fa baithuti ba sa tsene sekole ka ba sa fiwe tlhokomelo e e maleba kwa malwapeng e bile ba ikamantse le go tsena mo maratong le borre ba ba kgweetsang diteraka tsa megobagoba tse di tsamayang magareng ga Botswana le Aferika Borwa.
A re bana ba ikamantse le ditiro fela tse di sa ageng motho jaaka go anya matlhapa le go ya marekisetsong bosigo ba kopa madi.
Mme John o tsweletse ka gore ga gona tirisano fagare ga sekole le ba boipelego, gonne go na le bana ba itsholelo e e kwa tlase mme ga ba yo mo thulaganyong ya ba boipelego go thusiwa ka paka ya sekole.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Boiki Mokgweetsi ene a re batsadi ga ba iphe sebaka sa go lekola tiro ya bana ya sekole gammogo le go tsena diphuthego.
E rile a tsibogela dikgang tsa majalwa a a dirwang mo malwapeng, mogolwane go tswa kwa ofising ya sepodise sa Botswana, Inspector Boniface Setlabane, a bolela fa ba leka go lwantsha seemo seo mme a kopa gore yo o bapileng le ba ba rekisang majalwa, a ba itsese ba tle ba ba tseele dikgato tse di maleba.
Mo go tse dingwe, Inspector Setlabane o gakolotse barutabana gore fa motsadi a ikgatholosa go tlhokomela ngwana o tshwanetse go itsese ba boipelego gore ba tle ba sekaseke kwa matsapa di a tsayang teng, mme fa go sena mabaka o tlaa isiwa kwa mapodising go lebisiwa molato go setswe morago ditshetlana dingwe go tswa mo molaong wa bana.
O tsweletse a kopa gore ba begelwe ka diteraka tse go bolelwang baithuti ba nna kwa go tsone, a supa fa di sa tshwanela go ema gongwe le gongwe.
Mokhanselara wa Peleng Bophirima, Mme Kearoma Mathara Moreeng o tlhalositse fa boitshwaro jwa bana bo tshosa ntswa e le bone bokamoso jwa lefatshe ka jalo a kopa baruti go rera lefoko la Modimo go sokolola baithuti mo mekgweng e e bosula eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Thuto-seka-dipuisanyo
Date : 13 Jul 2014