Breaking News

Kgetsi ya tsie...

13 Jul 2014

Mogolwane wa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Thulani Caiphas  o kopile setshaba go tshwaraganela banana le puso gonne go le gantsi ke bone ba dirang ditiro tse di maswe tsa go iphitisa dino ka jalo ba ikgatholose mananeo a puso e ba a diretseng go leka go ba ntsha mo mebileng.

E rile a bua  mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe mo metseng ya Kudumatse le Mokoswane  mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba,  Rre Caiphas a re dipalo tsa banana ba ba ikopelang  dithuso tsa lenaneo di kwa tlase fela thata mo go supang gore banana ga ba na kgatlhego mo go one. 

O ba kgothaditse go inaakanya le mananeo a a farologaneng a puso go ikinola mo lehumeng.

O supile fa banana ba ba atlegileng mo mananeong a puso, go le gantsi ba dirisa dithuso tseo botlhaswa ba lebala se ba tshwanetseng go se dira mme a kopa batsadi go nna ba ba gakolola fa ba lemoga gore ga ba dirise meamuso ya puso sentle.

A re boitshwaro ja banana le kapari ga di jese diwelang gammogo le one maitseo mo bagolong ga a yo ka ga ba ba buise sentle gotlhelele. 

E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong ya Mahalapye, Rre Slumber Sebele a kopa banni ba metse eo go tlhabolola ditsha tsa bone le go ikgapha mo go rekisetseng batswaka lefatshe.  BOKHUTLO

 

 

  

 

  

 

Source : BOPA

Author : Atang Mosinyi

Location : MAHALAPYE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 13 Jul 2014