Kgosi o rotloetsa morafe go bala koranta
13 Jul 2014
Banni ba Gasita mo kgaolong ya Borwa ba rotloeditswe go bala pampiri ya dikgang ya DailyNews ka e na le dikgang tse di botlhokwa jaaka go tlhalosa ka botlalo ka mananeo a puso, dikgang tse mapalamente a buang ka tsone kwa palamenteng gammogo le go itlosa bodutu ka yone.
Fa a bua mo letsatsing la go isa ditlamelo kwa morafeng ke maphata a puso ka go farologana, Kgosi Pulahela Rantetedi Ntwaagae o boletse fa go bala go ruta, e bile go neela motho lesedi le legolo la go itse tse di diragalang mo lefatsheng ka kakaretso.
Kgosi o rotloeditse bagodi go kopa thuso mo go bo morwarrabone kana bana ba bone go ba balela pampiri eo mme a kgala ba ba e dirisang go phuthela manyonyomane, metsoko le go e isa kwa ntlwaneng ya boitiketso.
O boletse fa monongwaga a latlhela mo tirong ya bogosi mme a batla bana ba ba tswang kwa morago go ithuta mo go bone, a bolela fa a batla go tlogela batho ba itse tse di diragalang mo lefatsheng la bone ka go bala.
Mo go tse dingwe, banana ba lenaneo la Tirelo Setshaba, ba boletse fa ba tlhola ba lelekile bommantseane fela mo meriting ba sa dire sepe.
Mme Tsaone Kelaotswe a re le ntswa ba bona dikatso tsa bone sentle, ga ba ithute sepe se se ka ba sologelang molemo mo isagong. O boletse fa a direla mo VDC mme tiro ya gagwe e le go thusa go kwala metsotso nako nngwe.
Monana yo mongwe, Mme Lone Tsholofelo ene o boletse fa a le mo lephateng la boipelego mme mogolwane wa gagwe a nna kwa Lorolwane, jalo a etela kwa Gasita ka selebalo.
O tlhalositse fa tiro ya gagwe e le go kwadisa maina a ba ba begang mathata a bone mme a bo a letela mmaboipelego nako e a tlaa tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Go isa ditlamelo kwa bathong
Date : 13 Jul 2014