Bagodi ba itumelela diromamowa le dikobo
13 Jul 2014
E rile bosheng bagodi ba Mogorosi mo kgaolong ya Legare ba amogela diromamowa le dikobo tse ba neng ba di solofeditswe ke puso ka boitumelo jo bogolo.
Fa a ba abela dimpho tseo, mmaboipelego kwa motse oo, Mme Lesedi Diboko o tlhalositse gore ke bagodi ba le masome a mararo le boraro mo kgaolong ya gagwe ba ba akotseng dimpho tseo, a supa fa ba le batlhano go tswa mo palong eo ba abetswe le dikobo.
Mme Diboko o tlhalositse fa e ne ya re ka 2012 puso ya lefatshe leno ya ntsha taolo ya gore ba sekaseke bagodi le batlhoki ba dingwaga tse di masome a marataro le botlhano go ya kwa godimo e bile ba nna ba le nosi mo malwapeng, a supa fa se, se ne se tla morago ga gore puso e lemoge fa go na le bagodi bangwe ba ba nnang ba le nosi nako e ntsi kwa magaeng mme ba bolawa ke bodutu.
O ba kgothaditse go tlhokomela dimpho tseo, a re ba tshwanetse go itse gore puso e dirisitse diketekete tsa madi go tokafatsa matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, o ba tlhagisitse gore ba tlaa tshwanelwa ke go ithekela malatlha a masha fa a ba a abetsweng le diromamowa a fedile.
O tsweletse gape ka go tlhalosetsa bagodi gore diromamowa tseo ga di ye go ba tlisetsa dikgang fela di kgona le go ba bonesetsa bosigo ka jaana di na le lebone.
Fa a ntsha la gagwe, mogodi mongwe yo o akotseng dimpho tseo, Rre Heri Malele, o boletse fa a itumeletse seromamowa a bo a akgola puso ya lefatshe leno go bo e tsweletse ka go supa kutlwelobotlhoko mo Batswaneng ka kakaretso.
Rre Malele o boletse fa seromamowa seo se tlaa tsisa phetogo mo go ene ka a ne a ntse a sena sone e bile a tlaa kgona go utlwa dikgang segolo bogolo ka ditlhopho tsa lefatshe leno di le gaufi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Kabo ya dimpho
Date : 13 Jul 2014