Breaking News

Ba-na-le bogole ba a kgona

10 Jul 2014

Setshaba se gwetlhilwe go lemoga fa ba-nale-bogole ba nale bokgoni jo bo ka solegelang lefatshe leno molemo fela jaaka motho mongwe le mongwe.

E rile a simolodisa dikgaisano tsa baithuti ba ba-nale-bogole kwa Moroka ka Laboraro, mothusa-molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Collen Tubego a gakolola banni botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a lemoge fa go sena boammaaruri mo dikakanyong tsa gore ga go sepe se se molemo se se ka rojwang mo mothong yo o tshelang ka bogole.

 “A rotlhe re fetoleng ka fa re ntseng re akanya ka teng ka ba-nale-bogole, re lemogeng gore re le malwapa le setshaba re ka anywa sengwe mo ditalenteng tsa ba-nale-bogole,” a tshwaela.

Rre Tubego o ikuetse gape mo setshabeng go dira gotlhe mo go ka kgonwang go ribolola le go betla bokgoni jwa ba-nale-bogole. Fa a itebaganya le baithuti, Rre Tubego o ba gwetlhile gore ba seke ba inyatsa,  ba amogele ka fa Modimo a ba tlhodileng ka teng.

 A re go ikamogela ke kgato ya ntlha e e botlhokwa ka e ka ba kgontsha go tlhomamisa gore ba fetola matshelo a bone le a ba malwapa a bone.

Fa a latlhela tlhware logonyana, mogokgo wa sekole se se botlana sa Moroka, Mme Adelline Gunda o gakolotse batsena-tiro eo fa bana e le mpho ya Modimo, ka jalo go le botlhokwa gore ba fiwe tlhokomelo e e faphegileng segolo jang fa ba tshela ka bogole.

O boletse gore go ngomola pelo go bo batsadi bangwe ba santse ba goga dinao go amogela bana ba bone ba ba tshelang ka bogole.

Mme Gunda o supile gape fa go tshwanetse ga lemogiwa fa ba-nale-bogole ba tshabelelwa ke go gola ka bonya e bile ba tshwarela thateng fa go tla mo thutong, ka jalo a ikuela mo setshabeng go se ba felele pelo.

E ne e rile a amogela baeng, kgosi wa motse oo, Rre George Moroka a tlhalosa fa batsadi ba tshwanetse ba amogela bana ba bone ka boitumelo le fa ba ka tswa ba na le bogole.

A re o rolela hutshe batsadi ba bana ba ba nang le bogole, a re bopelokgale jwa bone jwa go itshokela dikgwetlho tse di amanang le kgodiso ya ba-nale-bogole bo a gakgamatsa mme e bile bo tshwanetse jwa galalediwa.

Kgosi Moroka o supile fa go le botlhokwa go lemoga fa baithuti botlhe ba ba tsenelelang dikgaisano tsa mothale o, e le bafenyi ka tota kgangkgolo e le go ba supa mo setshabeng gore le bone ba kgone go ntsha bokgoni jwa bone.

A re dikgaisano tsa metshameko ya ba-nale-bogole di botlhokwa ka di ba tlhagolela tsela ya go ka phadisanya le bangwe ka bone  kwa mafatsheng a mangwe.

Mongwe wa barulaganyi ba dikgaisano tseo, Mme Bella Ditshwene a re baithuti ba ba tla dirang bontle, ba tla fetela kwa legatong le le latelang, la go gaisana le balekane ba bone go tswa kwa dikgaolong tse di farologaneng tsa lefatshe leno tse di tla tshwarelwang kwa toropong ya Lobatse ka Lwetse.

Mme Ditshwene o tlhalositse fa di tla dirisiwa go lemoga dinaletsana tse di tla emelang lefatshe leno kwa dikgaisanong tsa mafatshefatshe tse di tla tshwarelwang kwa Amerika mo nakong e e tla bolelwang.

Dikgaisano tseo tsa beke di thulantse baithuti go tswa kwa dikoleng tse dipotlana tsa kgaolwana ya bokone di akaretsa  sa Moroka, Kachikau, sa motse wa Tati Siding sa Bugalo, sa Timbi se se kwa motseng wa Tutume le tsa toropo ya Francistown sa Aerodrome le Moremogolo, ga mmogo le sa bananyana sa Tshimologo.

Tse dingwe  tse di tsereng karolo ke tsa Tonota le sa Mahudiri sa motse wa Shashe Mooke mme dikgaisano di tshegeditswe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Go tsamaela kwa tshabeng e e akaretsang: Tshetlana ya Tebelopele ya 2016.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Tshimolodiso Dikgaisano

Date : 10 Jul 2014