Breaking News

BOCCIM e ipaakanyetsa phuthego ya Brazil le Africa

10 Jul 2014

E tlaa re kgwedi e e tlang lekgotla le eteletseng mohama oo ikemetseng la BOCCIM le tsene phuthego ya Brazil-Africa e maikaelelo a yone eleng go godisa le go rotloetsa kgwebo tse di ikemetseng ka nosi.

Phuthego e tla tshwarwang mafelo a Phatwe kwa Fortaleza, mme maikaelelo a yone ke go tokafatsa tirisano mmogo mo go tsa kgwebo le go thusa go bopa botsalano mo go tsa kgwebo fa gare ga  Brazil le mafatshe a Aferika.

E tla bo gape e solofetswe go ama le tirisano mmogo ya Brazil ya mafaratlhatlha le go godisa tshwaragano ya maphata a a ikemetseng le a puso. E tla bo gape e thatafatsa tshwaragano ya bagwebi ba Aferika le ba Brazil mo go tsa mafaratlhatlha le go batla ditsela tse di sha tsa kgwebo

Phuthego e, e tlaa tsenwa ke matona a puso, bagwebi, bagolwane ba puso le barutegi ba Brazil ga mmogo le ba Aferika.

Maphata a a tla emelwang e tla bo ele a motlakase, temo thuo, dikago dipalamo, boranyane, boranyane ja botsogo, tsa madi, tsa itshireletso le tshwaragano ya bagwebi ba ba ikemetseng le puso.

Mogolwane go tswa kwa BOCCIM, Mme Sheila Moribame a re ba ba eletsang go tsena phuthego e ba tla ituelela madi a sepalamo, boroko le visa mme go tsena phuthego gone ga go duelelwe. 

A re maphata otlhe a ka tsena phuthego ka gonne ke ya maemo a a kwa godimo e e tla godisang botsalano jwa Brazil le Aferika gammogo le go bula dikgwebo tsa mafaratlhatlha mo mafelong ka bobedi. A re lefatshe la Brazil le siametse kgwebo ya mafaratlhatlha mo maphateng a a farologaneng.

Ba tsena phuthego eo ba tla a nna le sebaka sa kopana le bagwebi ba ba ikemetseng, badiri ba dithoto, bakanoki, ba ba rekisang kwa mafatsheng a sele, ba ba amogelang dithoto go tswa kwa mafatsheng a sele, bapatlalatsi ba dithoto  le bantshi ba mananeo ba Brazil le Aferika go tshotlha ka kgonagala ya go bula dikgwebo tse di tshwaraganetsweng.

O tsweletse a re phuthego e gape e tla fa bagwebi nako ya go kopana le ba bangwe mo go tla ba fang sebaka sa go itshwantshanya. BOCCIM e rotloetsa maloko a yone otlhe gammogo le bagwebi ba bangwe ba ba batlang go godisa dikgwebo tsa bone go sola phuthego e mosola.

Ba tsena phuthego e, ba solofetswe go boela gae ka megopolo e ba ka e dirisang go tlhabolola mohama oo ikemetseng ka nosi mo Botswna. BOKHUTLO

Source : BOCCIM

Author : BOPA

Location : LETLHAKANE

Event : Kitsiso

Date : 10 Jul 2014