Breaking News

Mosimane o bakile kotsi ya koloi

10 Jul 2014

Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome mabedi a tlhokafetseng morago ga go amega mo kotsing ya koloi e e diragetseng mo tseleng ya Nswazwi sekgelenyana go tswa mo tseleng ya Tutume/Francistown.

Mothusa mogolwane wa mapodisi a Tutume, Assistant Superintendent Sesetse Mashonja o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo e diragetse ka Tshipi maitseboa fa mokgweetsi wa yone a ne a latlhegelwa ke taolo fa tsela e sekamang teng.

Assistant Superintendent Mashonja o ne a tlhalosa fa koloi eo e ne e na le bapagami ba le batlhano go balelwa le mokgweetsi mme ba bangwe ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana tse ba di alafetsweng kwa kokelong ba bo ba gololwa.

O tsweletse a bolela fa mokgweetsi wa koloi eo ele mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro a sena setlankana ka ebile le dingwaga tsa gagwe di sa moletle go ka nna le sone.

O ile a tlhalosa fa mosimane yoo a sa tshegediwa ka go lebilwe dingwaga mme a neetswe batsadi ba gagwe le baboipelego go thusa ka go mo sidila maikutlo le go mmaya leitlho. Setopo sa mme yoo tlhokafetseng se kwa setsidifatse sa kagiso go tlhatlhobiwa ke dingaka.

Mo go tse dingwe, Assistant Superintendent Mashonja o boletse fa ba tshwerwe rre Charlot Ndlovu yo o ntseng a batliwa tebang le go tlola taolo ya lekgotla la ditsheko la go sa ipegeng kwa mapodisi jaaka a ne alaetswe(bail)ka molato wa polao ya motho mme e re a santse a sa iponatse jalo ga bolelwa fa e le mmelaelwa mo tiragalong nngwe ya polao ya motho e e diragetseng ka Mopitlo monongwaga.

Assistant supt Mashonja o ne a tlhalosa fa Ndlovu yo o tlholegang kwa Plumtree kwa Zimbabgwe ba ne ba le mo patlong ya gagwe mabapi le melato ya go bolaya, a leboga setshaba go amogela mokgosi wa bone mme ba kgona go tshwara selalome seo ka thuso ya bone.

O ne a tlhalosa fa rre yoo a isetswe fa kgolegelong go ya go letlela tsheko teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 10 Jul 2014