Baithuti ba baoki ba abela boora Lehupu
10 Jul 2014
Ba Institute of Health Sciences (IHS) kwa Molepolole ba abetse lelwapa la ga Lehupu mo kgotleng ya Lekgwapheng dimpho ka Mosupologo (07/07/2014) ba sena ba go ba etela morago ga go utlwa ka seru se se neng se ba wetse sa dintsho tsa dipolao ka kgwedi ya Motsheganong monongwaga.
E rile a bua mo kabong ya dimpho tseo, Motlhatlhelela dithuto tsa botsogo kwa IHS, Rre Molemisi Maruping a bolela fa ba ne ba lemoga letlhoko le le kwa godimo la diaparo mo lelwapeng ka e bile bontsi jwa dilwana bone bo fiseditswe mo matlong kwa masimo.
Rre Maruping a re se, se ne sa dira gore ba batle maano a ba ka thusang boora-Lehupu ka one, mme ba tsaya tshwetso ya gore ba thuse ka diaparo.
Rre Maruping a re ba ne ba bona go tshwanela gore ba ikanape ba ntshe dilwana, ba bo ba kopa le malwapa a bone go abela lelwapa leo mme ba atlega.
E rile a tswa la gagwe, malomaagwe boora –Lehupu, Rre Mokhai Kae, a nesetsa mogopolo wa ba IHS pula.
O lebogetse dimpho thata a bolela fa go supa gore selelo se ba neng ba se lela ba ne ba se nosi mo go sone.
“Se se mpontsha gore bana ba ga rakgadi ga ba a latlhega e bile le selelo se re neng re se lela re ne re se nosi se aname le lefatshe la Botswana ka bophara,” a gatelela.
O kopile ba IHS go tswelela ka tiro e ntle e. Mokhanselara wa kgaolo ya Lephaleng e e akaretsang Lekgwapheng, Rre Rex Motshweneng, o lebogetse baeteledipele le baithuti ba IHS go nna pelotlhomogi mo setshabeng.
A re tiro e ba e dirang mo setshabeng sa Molepolole e bonwa ke mang le mang ka e bile e se lantlha ba abela banni diaparo.
O boletse fa ba kile ba abela bana ba dikole tse dipotlana diaparo mme a re o lebogela gore mowa wa go aba ga o ba lapise.
O ba tlhomamiseditse fa Bakwena ba lemoga e bile ba rata se ba se dirang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo ya dimpho
Date : 10 Jul 2014