Komiti e gogela kobo ntlha e le nngwe
10 Jul 2014
Mogodi mongwe wa motse wa Magotlhwane kwa kgaolong ya Borwa, Rre Amos Letshoba o ngongorega ka maloko a komiti ya ditlhabololo ya motse oo ka a bolela fa ba bereka Ipelegeng botlhe le mororo ba le mo komiting ka jalo ba kgoreletsa ba ba sa tsenyang diatla gope.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi, yo o neng a tsile go ba lebogela tirisano mmogo ya gagwe le bone fa e sale e nna mopalamente wa bone ngwaga tse tlhano, Rre Letshoba a bolela fa maloko a komiti ya VDC a le lesome, mme Ipelegeng e neetswe go thapa batho ba le lesome jalo go raya gore go dira bone fela go na le morafe mme e bile go raya gore ba amogela gabedi, a re o belaela fa e le tshenyetso setshaba.
Mo go tse dingwe, o boletse gore fa mananeo a puso a rolwa mo dikgotleng a motlhofo e bile a mantle, mme gore ba a akole go nna thata ya lentswe, a supa fa a sale a kopile dipodi tsa lenaneo la LIMID mme nako kgolo ke eno.
Rre Modisakgomo Molefi o boletse fa bathugi kwa dikoleng ba sotlega ka ba adima didirisiwa mme e bile jaanong go thuga go emisiwa ka go tlisiwa bupi.
Go bolelwa fa khansele e tsere tshwetso ya go tlisa bupi kwa dikoleng ka gore go nnile le dingongora tsa gore bangwe ba tshwara dijo tsa bana ba se phepa mo go ka ba bakelang malwetse le gore go thuga go bokete thata.
Fa a latlhela la gagwe, Rre Tuelo Mathe o boletse fa bogodu jwa leruo bo tlhakaladitse mo kgaolong ya bone, mme ditsheko tsa jone di saletse morago go sekwa.
O boletse fa ba tlaa felela ba itseetse molao mo diatleng ka gore go ba utlwisa botlhoko.
Banni ba ngongoregile ka dilo di le mmalwa di akaretsa ditsela, tse ba supang fa di le maswe fela thata, batho ba ba tsayang metlhaba mo molatswaneng wa bone e se ka fa tumalanong le ka ditlhabololo tse ba reng ga di abiwe ka go lekalekana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jul 2014